Tobetsa Fa go Tsenya Silverlight*
SetswanaFetola|Disaete Tsotlhe tsa Microsoft
Microsoft
Setheo sa Pholosetso 
Batla
Patlo ya Maemoakwapele

Pakana ya Porokeramo-kgokaganyo ya Setswana ya Windows® XP

Tlhaloso e Khutshwane
Dipakana tsa Porokeramo-kgokaganyo ya Setswana tsa Windows XP Professional le Windows XP Home Edition di tlamela ka Porokeramo-kgokaganyo ya Modirisi e e fetoletsweng ya mebaraka e e tlhagelelang le e mennye.

Mo Tsebeng E

Dintlha ka Bokhutshwane
Leina la Faele:Tswana XP.msi
Mofuta:1.0
Letlha la Phasalatso:12/09/08
Puo:Setswana (Aforika Borwa)
Bogolo jwa Selaisololwa:4.6 MB
Nako e e Fopholediwang ya Dilaisololwa: 12 motsotso 56K

Fetola Puo:
  

Kakaretsi

Pakana ya Porokeramo-kgokaganyo ya Setswana ya lelapa la Windows XP e tlamela ka Porokeramo-Kgokaganyo ya Modirisi ya Setswana go bontsi jwa Diporokeramo-kgokaganyo tsa Modirisi tsa Windows XP. Pakana eno ya Porokeramo-Kgokaganyo ya Setswana e tla tlhoka tlhomamiso ya Microsoft Windows ka nako ya go tlhoma. Tlhomamiso e netefatsa gore o dirisa khopi ya Windows ya boammaaruri le e e nang le laesense ka botlalo.. Tsweetswee etela Genuine Microsoft Software go ithuta ka mesola ya go dirisa serweboleta se nnete sa Windows.

 Kwa godimo ga tsebe

Dipatlafalo tsa Tsamaiso

  • Tsamaiso ya Tiragatso e e nang le Tshegetso: Windows XP
• Ditsamaiso tse di Dirang tse di Tshegediwang: mofuta wa Seesimane wa Windows XP wa dibopatlhaka tsa 32 o o nang le Pakana 2 (SP2)
• Dimekabaete di le 5 (5Mb) tsa sebaka se se iseng se dirisiwe se go ka kopololelwang mo go sona
• Dimekabaete di le 15 (15Mb) tsa sebaka se se iseng se dirisiwe se go ka tlhomiwang mo go sona

 Kwa godimo ga tsebe

Ditaelo

  1. Tobetsa konopo ya Kopolola e e mo sekhutlong se se kwa godimo ka fa mojeng wa tsebe eno gore o simolole go kopolola, kgotsa tlhopha puo e e farologaneng go tswa mo lenanetsharololong mme o tobetse Fetola.
  2. Dira sengwe sa tse di latelang:
    • Go simolola tlhomo ka gangwe, tobetsa Open (Bula) kgotsa Run this program from its current location (Tsamaisa porokeramo eno mo lefelong la ga jaana).
    • Go kopololela mo khomphiutareng ya gago gore o tlhome moragonyana, tobetsa Save (Boloka) kgotsa Save this program to disk (Bolokela porokeramo eno mo disiking).

 Kwa godimo ga tsebe


© 2013 Microsoft Corporation. Ditshwanelo tsotlhe di sireleditswe. Ikgolaganye le Rona |Mareo a a Dirisiwang |Matshwaokgwebo |Poloko Khupamarama