
Microsoft Office Language Interface Pack 2007 – Setswana
Tlhaloso e Khutshwane
The Microsoft Office Language Interface Pack 2007 – Setswana se tlamela segokanyi sa modirisi Setswana go bontsi jwa diporokeramo tsa Microsoft Office 2007.
Mo Tsebeng E
Dintlha ka Bokhutshwane
| Mofuta: | 1 |
| Letlha la Phasalatso: | 26/01/10 |
| Puo: | Setswana (Aforika Borwa) |
| Bogolo jwa Selaisololwa: | 229 KB - 24.3 MB* |
| *Bogolo jwa selaisololwa bo ikaegile ka dikarolo tsa selaisololwa. |
|
| Fetola Puo: | |
Kakaretsi
The Microsoft Office Language Interface Pack 2007 – Setswana se tlamela ka segokaganyi sa modirisi sa Setswana sa:
- Microsoft Office Excel 2007
- Microsoft Office Outlook 2007
- Microsoft Office PowerPoint 2007
- Microsoft Office Word 2007
Kwa godimo ga tsebe
Dipatlafalo tsa Tsamaiso
- Tsamaiso ya Tiragatso e e nang le Tshegetso: Windows Vista
-
Serweboleta se se tlhokegang: Mofuta Seesimane wa disutu dipe fela tsa Microsoft Office 2007 tse di nang le Excel, Outlook, Powerpoint kgotsa Word.
- Ditlhokego tsa sebaka sa disike: Go tlaleletsa mo sebakeng sa disikethata se ga jaana se tlhomilweng mo diporokeramong tsa Office 2007, go tlhokega dimekabaete di le 20 (MB) tsa sebaka se se leng teng sa disikethata.
Kwa godimo ga tsebe
Ditaelo
Go tlhoma kopololo eno:
- Kopolola LanguageInterfacePack.exe faele ka go tobetsa Kopolola konopo ya (fa godimo) le go bolokela faele mo disikethateng ya gago.
- Tobetsa-gabedi mo LanguageInterfacePack.exe faeleng ya porokeramo mo disikethateng go simolola porokeramo ya Tlhomo.
- Latela ditaelo tse di mo sekirining go konosetsa tlhomo.
- Fa e setse e tlhomilwe, faele ya mpuise ya Microsoft Office 2007 Language Interface Pack e ka fitlhelwa kwa C:\Program Files\Common Files\microsoft shared\OFFICE12\LCID\LIPread.htm
- Ga go tshegediwe tokafatso ya Office 2003 Language Interface Pack to Office 2007 ka Office 2007 Language Interface Pack. Fa o batla go tokafatsa tlhomo ya gago ya motheo ya Office 2003 go ya go Office 2007 ka tiriso ya Segokanyi sa Tlhatlagano ya Puo sa Office 2007 o tshwanetse:
- Go tlhomolola Office 2003 Language Interface Pack
- Go tsamaisa tlhomo ya Office 2007 le go tlhopha tlhopho ya tokafatsa.
- Fa tlhomo ya Office 2007 e weditswe, tlhoma le go rulaganya Segokanyi sa Tlhatlagano
ya Puo ya Office 2007
Tlhopha tiriso ya kuno ya Office ya gago:
- Fa o na le bothata jwa go buisa Khouto Tsenyo yotlhe mo go "Microsoft Office activation Wizard" dialo, kgotso tsenyo khoutu yotlhe ga e bonagale sentle fa o dirisa Microsoft® Office Language Interface Pack 2007, tsweetswee khansela wizard mme o time kuno ya Seesimane go tlhopha tiriso ya kuno ya gago ya Microsoft Office
Ditaelo tsa tiriso:
Go fetolela segokaganyi sa gago sa Modirisi mo puong ya Microsoft Office Language Interface Pack 2007 – Setswana, latela dikgato tseno:
- Thangkgolola Thulaganyo ya Puo ya Microsoft Office 2007 go tswa mo Tshimologo\Diporokeramo Tsotlhe\Microsoft Office\Didiriswa tsa Microsoft Office menu.
- Tlhopha thebe ya Bontsha Puo mo Dimenung tsa Microsoft Office le mabokosopuisano mo: lenanengpeofatshe, tlhopha puo e o batlang go e bontsha. Jaanong puo e o e tlhophileng e tshwanetse go nna pontsho e e rulaganyeditsweng ruri.
- Mo thebeng ya Bontsha Puo, o na le boitlhophelo jwa gore pontsho ya Office e tsamaelane le pontsho ya Windows. Puo ya gago ya Windows ya ga jaana e tla bewa mo lenaaneng. Fa o batla gore pontsho ya Office e tsamaelane le pontsho ya gago ya Windows tlhopha Tlhoma puo ya pontsho ya Microsoft Office gore e tsamaelane le puo ya pontsho ya Windows lebokosotshwao. Thulaganyo eno e phimola tlhopho e o e dirang mo Dimenung tsa Bontsha Microsoft Office le mabokosopuisano lenane.
- Mo thebeng ya Dipuotseleganyo, tlhopha puo e o tlhokang go e kgontsha go tswa mo Dipuotseleganyo tse di Gona lenane mme o tobetse Tsenya. Jaanong puo e o e tlhophileng e tshwanetse go nna mo lenaaneng la Dipuotseleganyo tse di Kgontshitsweng lenane.
- Mo thebeng ya Dipuotseleganyo, tlhopha puo e o tlhokang gore e nne Puotseleganyo ya Ntlha go tswa mo Puotseleganyo ya Ntlha lenane.
- Tobetsa mo konopo ya OK.
Thulaganyo ya puo e o e tlhophileng e tla dira mo nakong e e tlang fa o simolola mananeotiriso a gago a Office.
Ela tlhoko: Help e ka se ke ya fetolelwa kwa puong ya Microsoft Office Language Interface Pack 2007 – Setswana. Help e tla nna ka gale e le mo puong ya tlhomo ya tshimologo.
Ka gale tlhoma pontsho ya help mo lenanepeofatshe kwa motheong wa puo.
Go tlosa kopololo eno:
Latela dikgato tseno mo Windows XP ya Legae kgotsa Kgatiso ya Porofešenale:
- Tswaya mo diporokeramong tsotlhe.
- Tobetsa-gabedi mo aekhone ya Tsenya kgotsa Tlosa Diporokeramo mo Phaneletaolong ya Windows.
- Tobetsa Microsoft Office Language Interface Pack 2007 mo lebokosong la Diporokeramo tse di tlhomilweng ga jaana, mme o tobetse konopo ya Tlosa.
- Latela ditaelo mo sekerining.
Latela dikgato tseno mo Windows Vista:
- Tswaya mo diporokeramong tsotlhe.
- Tobetsa-gabedi mo aekhone ya Diporokeramo le Diponagalo mo Windows Phaneletaolo.
- Mo tlhopho ya Tlhomolola kgotsa Fetola Porokeramo, tobetsa Microsoft Office Language Interface Pack 2007 – Setswana mo lebokoso la Diporokeramo tse di tlhomilweng ga jaana, mme o tlhophe Tlhomolola tlhopho.
- Latela ditaelo tse di mo sekerining.
Kwa godimo ga tsebe
Difaele mo Selaisololweng Se
Dikgolagano mo kgarolong e di tsamaisana le difaele di sele tse di leng teng mo selaisololweng se. Laisolola difaele tse di leng maleba mo go wena.
Kwa godimo ga tsebe