Windows Vista Language Interface Pack (LIP) enaya ya Windows Vista naya mofuta o o ranotsweng bontlhanngwe wa dikarolo tse di dirisiwang thata tsa Windows.
Windows Vista Language Interface Pack (LIP) ya Windows Vista naya mofuta o o ranotsweng bontlhanngwe wa dikarolo tse di dirisiwang thata tsa Windows. Morago ga go tsenya LIP, mafoko a mo bomatwetweng, dibokoso tsa puisano, dimenu, dintlha tsa Thuso le Tshegetso, le dintlhana tse dingwe mo segokaganying sa modirisi di tla bontshiwa mo puong ya LIP. Mafoko a a sa ranolwang a tla bo a le ka puo ya motheo ya Windows Vista. Ka sekai, fa e le gore o ne wa reka mofuta wa Sepanišhe wa Windows Vista, wa bo o tsenya LIP ya Catalan, mafoko mangwe a tlile go sala e le a Sepanišhe. O ka tsenya LIP e feta e le nngwe, gore modirisi mongwe le mongwe wa khomputara a kgone go bontsha segokaganyi sa modirisi ka puo e e batliwang.
Tsamaiso ya Tiragatso e e nang le Tshegetso:
Windows Vista
• Microsoft Windows Vista
• Dirisa segokaganyi mo (di)puong e e latelang: Seesemane
• 4.63 Mb ya sebaka se se senang sepe sa taisololo
• 15 Mb ya sebaka se se senang sepe sa thulaganyo
Dipolateformo tse di Tshegeditsweng: LIPs e dira fela ka mefuta ya 32-bit ya Windows Vista mme e ka seka ya tsenngwa mo mefuteng ya Windows e e fetileng kgotsa mo mefuteng ya Windows Vista ya 64-bit.
- Tobetsa konopo ya Taisololo mo tsebeng e go simolola taisololo, kgotsao tlhophe puo e sele mo lenaane-tobetsong o bo o tobetsa Ya Go.
- Dira nngwe ya tse di latelang:
- Go simolola tlhomo ka bonako, tobetsa Bula kgotsa Tsamaisa porkermo eno go tswa mo lefelong la yone la ga jaana.
- Gore o kopisetse taisololo eno mo khomputareng ya gago nako e e tlang, tobetsa Boloka kgotsa Boloka porokeramo eno mo disekeng.