Trace Id is missing

Puo ya mofuta wa sefatlhego ya Microsoft Office

Dirisa phetolelo ya mofuta wa sefatlhego go bontsha dilo tse di jaaka dikonopo, mananeo le mabokoso a puisano ka puo e nngwe.

Sa botlhokwa! Go tlhopha puo fa tlase go tla fetola diteng tsotlhe tsa tsebe ya puo eo thata.

  • Mofuta:

    1.0

    Letlha la Phasalatso:

    2/27/2013

    Leina la Faele:

    screentiplanguage_tn-za_32bit.exe

    screentiplanguage_tn-za_64bit.exe

    Bogolo jwa Faele:

    1.5 MB

    1.5 MB

    Fetola mofuta wa sefatlhego sa puo go bontsha phetolelo ya diponagalo tse di jaaka dikonopo, mananeo lemabokoso a puisano – ka puo e nngwe le go thusa badirisi go batla tsela ya go dirisa ditiragatso tsa Microsoft Office tse di tsentsweng ka puo e ba sa tlhaganyeng.


    Dingwe tsa diponatshego ke tse di latelang:
    • Thuso ya Puo-pedi le Puo-dintsi
    • Go thusa Baenjeneri go ka leelefatsa tshegetso ya dipuo tse ba sa di tlhaloganyeng
    • Badirisi ba ba dirisang Office nakwana ka puo e sele kgotsa badirisi ba ba tsamayang thata (Roaming users)
    • Tiriso ya puo ya PC / khomputara e e amoganwang
  • Ditsamaisotiro tse di Tshegediwang

    Windows 7, Windows 8 Release Preview

    • Tshegetso ya tlhagiso ya Microsoft Office :
        Microsoft Office Word 2013, Microsoft Office Excel 2013, Microsoft Office Outlook 2013, Microsoft Office PowerPoint 2013, Microsoft Office OneNote 2013, Microsoft Office Visio 2013, Microsoft Office Publisher 2013
    • Serweboleta se se tlhokegang:
        Dipuo tse di mafaratlhatlha tsa botlhaba jwa Asia di ka tlhoka go tsenyetswa difaele tsa tshegetso. Se se ka dirwa go ya ka phaneletaolo mo ' Kgaolong le mo puong ee tlhopilweng'
  • Go tlhoma se se kopolotsweng se:
    1. Tobetsa Kopololo konopo e e mo letlhareng le, go simolola.
    2. Dira nngwe ya tse di latelang:
      • Go simolola go tlhoma ka gangwe, tobetsa Tsamaya.
      • Go boloka kopololo mo khomputareng ya gago go tlhoma morago ga nakwana, tobetsa Boloka.
      • Go phimola tlhomo, tobetsa Khansela.

    Go tima kgotsa go fetola Puo ya mofuta wa sefatlhego :
    1. Tobetsa konopo ya Faele ya Office, tlhopha Diitlhopelwa, tlhopha Puo e mme o baakanye Puo ya mofuta wa sefatlhego go 'Nyalanya Puo Pontsho'.

    Go phimola kopololo e:
    1. Go tswa go Tshimololo lenaneo, eya go Phaneletaolo.
    2. Tobetsa gabedi Oketsa/Tlosa Diporogerama.
    3. Mo lenaaneng la diporograma tse di tsentsweng, tlhopha mofuta wa sefatlhego wa Puo ya Microsoft Office, mme o tobetse Tlosa kgotsa Oketsa/Tlosa. Fa lebokoso la puisano le tlhagelela, latela ditaelo go phimola porogerama.
    4. Tobetsa Ee kgotsa Go siame go netefatsa gore o batla go tlosa porogerama.