Trace Id is missing

Microsoft® Office Language Interface Pack 2013 – Setswana

Microsoft Office Language Interface Pack 2013 - Setswana e naya Segokaganyi sa Modirisi se se ranotsweng sa ditiriso di le dintsi tsa Microsoft Office 2013.

Sa botlhokwa! Go tlhopha puo fa tlase go tla fetola diteng tsotlhe tsa tsebe ya puo eo thata.

  • Mofuta:

    2013

    Letlha la Phasalatso:

    2/25/2013

    Leina la Faele:

    languageinterfacepack-x64-tn-ZA.exe

    languageinterfacepack-x86-tn-ZA.exe

    Bogolo jwa Faele:

    13.4 MB

    13.3 MB

      Microsoft Office Language Interface Pack 2013 - Setswana e tlamela Segokaganyi sa Modirisi se se ranotsweng sa ditiriso tse di latelang tsa Microsoft Office 2013:

    • Microsoft Excel® 2013

    • Microsoft OneNote® 2013

    • Microsoft Outlook® 2013

    • Microsoft PowerPoint® 2013

    • Microsoft Word® 2013


    • Ka go dirisa Microsoft Office Language Interface Pack 2013 - Setswana, badirisi ba ka dira mo mefuteng e e tshegediwang ya tsenyo ya kwa tshimologong ya ditiriso tsa Office le go leba ditaolo le diitlhophelwa tsa ditiriso tseo ka - Setswana.

      Fa go tsenngwa Microsoft Office Language Interface Pack 2013, difaele tse di kgontshang badirisi go fetola puo ya segokaganyi sa modirisi di kopololelwa mo disikethateng ya bogorogelo. Morago ga tsenyo, bokgoni le diitlhophelwa tse di tsamaisanang tsa Microsoft Office Language Interface Pack 2013 - Setswana di nna gone go tswa mo teng ga ditiriso tsa Office 2013 le tiriso ya Microsoft Office 2013 Language Settings.
  • Ditsamaisotiro tse di Tshegediwang

    Windows 7, Windows 8

      Microsoft Windows 7 - 32 kgotsa 64 bit OS
      Microsoft Windows 8 - 32 kgotsa 64 bit OS
      Tlhokomela: Tsweetswee tlhomamisa gore o tsenyetsa Tsamaisotiriso ya gago mefuta ya moragorago ya Diphuthelo tsa Ditirelo go tlhomamisa gore puo ya gago e tshegediwa ka botlalo.

    Serweboleta Mofuta ope fela wa setlhopha kgotsa o o ikemetseng wa Office 2013 o o nang le Microsoft Excel, Microsoft OneNote, Microsoft Outlook, Microsoft PowerPoint kgotsa Microsoft Word kgotsa o o tla tshegetsang Microsoft Office Language Interface Pack 2013 - Setswana. Tlhokomela: Tsweetswee tlhomamisa gore o tsenyetsa dikuno tsa gago tsa Microsoft Office mofuta wa bošhweng wa Microsoft Office Service Packs. Seno se tla tlhomamisa tiriso e e botoka ya modirisi.

    Khomphiutha le Selaodi Selaodi sa 1 GHz ka tshegetso ya SSE2 kgotsa e e kwa godimo; 2 GB RAM kgotsa e e kwa godimo

    Sebaka sa disike Mo godimo ga sebaka sa disikethata se se dirisitsweng ka ditiriso tse di tsentsweng tsa Office 2013,
  • 3 GB ya sebaka se se gone sa disikethata.

  • Dilo tse dingwe tsotlhe tse di tlhokegang tsa tsamaiso di tshwana le sa ditiriso tsa Office 2013 tse o di dirisang le Microsoft Office Language Interface Pack 2013 - Setswana.


  • Windows Language Interface Pack Go tshitshinngwa gore o tsenye mofuta wa bošhweng wa Windows 7 kgotsa Windows 8 Language Interface Packs go bona tshegetso e kgolo ya puo ya Tsamaisotiriso ya gago le ditiriso tsa serweboleta.

    Resolušhene ya Monithara le dithulaganyo tsa DPI Difonto di le dintsi di tlhamilwe gore di buisege sentle ka resolušhene ya 1366 x 768. Fa o na le bothata jwa go buisa fonto ya puo ya gago tsweetswee ntšwafatsa dithulaganyo tsa gago tsa sebontshi go nna mo resolušheneng eno kgotsa e e kwa godimo. Tsweetswee tlhokomela: re tshitshinya gore o dirise ditiriso tsa Office 2013 ka thulaganyo ya thulaganyetsoruri ya DPI ya Windows - 96 DPI. Go dirisa thulaganyo ya 120 DPI go ka baka tiriso e e bokoa ya Office mo ditirisong dingwe tsa Office ka go oketsa bogolo jwa dipuisano tsa Office

    Diitlhophelwa tsa Kgaolo le Puo Mo godimo ga moo go tshitshinngwa gore dilo tsotlhe Diitlhophelwa tsa Kgaolo le Puo tsotlhe mo Phaneletaolong di rulaganngwe go puo ya ka Microsoft Office Language Interface Pack 2013 - Setswana

  • Go tsenya seno laisolola:
    1. Laisolola faele ya LanguageInterfacePack.exe ka go tobetsa konopo ya Laisolola (fa godimo) le go boloka faele ya gago mo disikethateng
    2. Tobetsa gabedi faele ya diporokeramo ya LanguageInterfacePack.exe mo disikethateng ya gago go simolola porekeramo ya Thulaganyo.
    3. Latela ditaelo tsa mo sekerineng go wetsa tiro ya go tsenya.
    4. Fa e setse e tsentswe faele ya mpuise ya Microsoft Office 2013 Language Interface Pack ya gago e ka fitlhelwa mo C:\Program Files\Common Files\microsoft shared\OFFICE15\1074\LIPread.htm.
    5. Go tlhabolola Office 2010 ka Office 2010 Language Interface Pack kgotsa tokololo ya pele go ya Office 2013 ka Office 2013 Language Interface Pack ke ga go tshegediwe. Fa o batla go tlhabolola tsenyo ya gago ya motheo ya Office 2010 go nna Office 2013 ka Office 2013 Language Interface Pack o tshwanetse go:
      • Ntsha Office 2010 Language Interface Pack.
      • Tsamaisa thulaganyo ya Office 2013 o bo o tlhopha itlhophelwa ya go tlhabolola.
      • Fa thulaganyo ya Office 2013 e weditswe, tsenya le go rulaganya Office 2013 Language Interface Pack.



    Go tsenya tirisong kuno ya gago ya Office:
    Fa o na le bothata jwa go buisa Khoutu yotlhe ya Tsenyo mo puisanong ya "Kaedi ya Tiriso ya Microsoft Office", kgotsa fa khoutu yotlhe ya tsenyo e sa tlhage sentle fa o dirisa Microsoft Office Language Interface Pack 2013 ya gago, tsweetswee khansela kaedi mme o fetogele go kuno ya gago ya puo ya motheo go tsenya tirisong kuno ya gago ya Microsoft Office.

    Ditaelo tsa tiriso:
    Go fetolela Segokanyi sa Modirisi sa gago go puo ya Microsoft Office Language Interface Pack 2013 – Setswana, latela dikgato tseno:

    1. Thangkgolola Microsoft Office 2013 Language Preferences go tswa go menyu wa Simolola\Diporokeramo Tsotlhe\Microsoft Office\Didirisiwa tsa Microsoft Office.
    2. Tlase ga Tlhopha Dipuo tsa Sebontshi le Thuso, tlase Puo ya Sebontshi tlhopha puo e e tlhokegang o bo o tobetsa mo konopong ya Rulaganya Jaaka Thulaganyetsoruri.
    3. Tlase ga Tlhopha Dipuo tsa Tseleganyo, tlhopha puo e e tlhokegang o bo o tobetsa konopo ya Rulaganya e le Thulaganyetsoruri.
    4. Tobetsa konopo ya Go Siame.


    Dithulaganyo tsa puo tse o di tlhophileng di tla dira nako e e tlang fa o simolola ditiriso tsa Office.
    Tlhokomela: Thuso e ka se fetolelwe kwa puong ya Microsoft Office Language Interface Pack 2013 – Setswana. Ka metlha Thuso e tla nna e le mo puong e o tsentseng ka yone kwa tshimologong.Ka metlha rulaganya thuso ya gago ya sebontshi mo lenaaneng la tsharologelotlase go puo ya motheo.

    Go tlosa seno laisolola:
  • Tlogela diporokeramo tsotlhe tsa Microsoft Office.
  • Tobetsa gabedi aekhone ya Diporokeramo le Dipopego mo Windows Phaneletaolong ya Windows
  • Mo go Porokeramong ya Ntsha kgotsa Fetola Porokeramo tlhopho, tobetsa Microsoft Office Language Interface Pack 2013 – Setswana mo lebokosong la Diporokeramo tse di tsentsweng ga jaana o bo o tlhopha itlhophelo ya Ntsha
  • Latela ditaelo tsa mo sekerining.