This is the Trace Id: 186a29b23d13a34fa06ab2234a5e01ac

Windows Vista Language Interface Pack

Windows Vista Language Interface Pack (LIP) enaya ya Windows Vista naya mofuta o o ranotsweng bontlhanngwe wa dikarolo tse di dirisiwang thata tsa Windows.

Sa botlhokwa! Go tlhopha puo fa tlase go tla fetola diteng tsotlhe tsa tsebe ya puo eo thata.

Laisolola
  • Mofuta:

    1.0

    Letlha la Phasalatso:

    5/15/2022

    Leina la Faele:

    LIP_tn-ZA.mlc

    Bogolo jwa Faele:

    2.5 MB

    Windows Vista Language Interface Pack (LIP) ya Windows Vista naya mofuta o o ranotsweng bontlhanngwe wa dikarolo tse di dirisiwang thata tsa Windows. Morago ga go tsenya LIP, mafoko a mo bomatwetweng, dibokoso tsa puisano, dimenu, dintlha tsa Thuso le Tshegetso, le dintlhana tse dingwe mo segokaganying sa modirisi di tla bontshiwa mo puong ya LIP. Mafoko a a sa ranolwang a tla bo a le ka puo ya motheo ya Windows Vista. Ka sekai, fa e le gore o ne wa reka mofuta wa Sepanišhe wa Windows Vista, wa bo o tsenya LIP ya Catalan, mafoko mangwe a tlile go sala e le a Sepanišhe. O ka tsenya LIP e feta e le nngwe, gore modirisi mongwe le mongwe wa khomputara a kgone go bontsha segokaganyi sa modirisi ka puo e e batliwang.
  • Ditsamaisotiro tse di Tshegediwang

    Windows Vista

    • Microsoft Windows Vista
    • Dirisa segokaganyi mo (di)puong e e latelang: Seesemane
    • 4.63 Mb ya sebaka se se senang sepe sa taisololo
    • 15 Mb ya sebaka se se senang sepe sa thulaganyo

    Dipolateformo tse di Tshegeditsweng: LIPs e dira fela ka mefuta ya 32-bit ya Windows Vista mme e ka seka ya tsenngwa mo mefuteng ya Windows e e fetileng kgotsa mo mefuteng ya Windows Vista ya 64-bit.
    1. Tobetsa konopo ya Taisololo mo tsebeng e go simolola taisololo, kgotsao tlhophe puo e sele mo lenaane-tobetsong o bo o tobetsa Ya Go.
    2. Dira nngwe ya tse di latelang:
      • Go simolola tlhomo ka bonako, tobetsa Bula kgotsa Tsamaisa porkermo eno go tswa mo lefelong la yone la ga jaana.
      • Gore o kopisetse taisololo eno mo khomputareng ya gago nako e e tlang, tobetsa Boloka kgotsa Boloka porokeramo eno mo disekeng.