Trace Id is missing

Didiriswa tsa go Rurifatsa tsa Microsoft Office 2016 - Seesemane

Didiriswa tsa go Rurifatsa tsa Microsoft Office 2016 e kgontsha go tseleganya ka dipuo tse dingwe.

Sa botlhokwa! Go tlhopha puo fa tlase go tla fetola diteng tsotlhe tsa tsebe ya puo eo thata.

  • Mofuta:

    2016

    Letlha la Phasalatso:

    5/25/2016

    Leina la Faele:

    proofingtools2016_tn-za-x64.exe

    proofingtools2016_tn-za-x86.exe

    Bogolo jwa Faele:

    1.2 MB

    1.1 MB

    A o batla go kanoka mopeleto wa puo e e neng e sa tsenngwa ka itiriso ke Office? O mo lefelong le le tshwanetseng. Didiriswa tsa go Rurifatsa tsa Microsoft Office di akaretsa sete e e feletseng ya didiriswa tsa go rurifatsa e e teng mo Office mo puong eno. Tsenya fela le go simolola boša Office, mme didiriswa tsa go rurifatsa tsa puo ya gago di siametse go tswelela.
  • Ditsamaisotiro tse di Tshegediwang

    Windows 7, Windows 8, Windows Server 2008 R2

    Taisololo eno e dira ka diporokeramo tse di latelang:
    • Microsoft Office Excel 2016
    • Microsoft Office OneNote 2016
    • Microsoft Office Outlook 2016
    • Microsoft Office PowerPoint 2016
    • Microsoft Office Word 2016
  • Go tsenya taisololo eno:

    Tsenya didirisiwa tsa go rurifatsa:

    1. Laisolola faele ka go tobetsa konopo ya Laisolola (e e fa godimo) le go boloka faele mo disikethateng ya gago.
    2. Tsamaisa prokeramo ya thulaganyo.
    3. Mo tsebeng ya Buisa Melawana ya Laesense ya Serweboleta sa Microsoft, sekaseka melawana eo, tlhopha lebokosotshwao la "Tobetsa fano go amogela Melawana ya Laesense ya Serweboleta sa Microsoft", o bo o tobetsa Tswelela.
    4. Kaedi ya thulaganyo e tsamaya le go tsenya didirisiwa tsa go tseleganya.
    5. Fa go sena go fediwa go tsenya, simolola sešwa didiriso tsa gago tsa bula Office.


    Ditaelo tsa tiriso:Dirisa didiriswa tsa go rurifatsa fela jaaka o tlhola o dira ka tlwaelo - o tshwanetse wa kgona go di bona jaanong mo puong ya gago e e sa tswang go tsenngwa bošeng. Ka sekai, o ka kgona go rulaganya puo ya gago ya go rurifatsa wa e dira puo e ntšhwa go dirisa kanoko ya mopeleto (fa e le teng) - go ithuta gore go dirwa jang, bonaFetolela mo dipuong tse di farologaneng ka go dirisa bara ya Puo

    Go tlosa taisololo eno:
    1. Mo menyung wa Simolola, supa Diseting o bo o tobetsa Phaneletaolo.
    2. Tobetsa Tsenya/Tlosa Diporokeramo gabedi.
    3. Mo lenaaneng leno la diporokeramo tse di tsentsweng, tlhopha Didiriswa tsa go Rurifatsa tsa Microsoft Office 2016 - Seesemane o bo o tobetsa Ntsha, Tlosa, kgotsa Tsenya/Tlosa. Fa go tlhaga lebokoso la puisano, latela ditaelo go tlosa porokeramo.
    4. Tobetsa Ee kgotsa GO SIAME go tlhomamisa gore o batla go tlosa porokeramo eno.