Polokodiphiri ya Gago
1. Polokodiphiri ya Gago. Polokodiphiri ya gago e botlhokwa mo go rona. Tsweetswee buisa Polelwana ya Polokodiphiri ya Microsoft (https://go.microsoft.com/fwlink/?LinkId=521839) ("Polelwana ya Polokodiphiri") ka gore e tlhalosa mefuta ya tshedimosetso e re e kgobokanyang go tswa go wena le mo didirisweng tsa gago ("Tshedimosetso"), kafa re dirisang Tshedimosetso ya gago ka teng, le metheo ya semolao e re nang le yone ya go tsamaisa Tshedimosetso ya gago. Polelwana ya Polokodiphiri gape e tlhalosa kafa Microsoft e dirisang ka teng diteng tsa gago, tse e leng tlhaeletsano ya gago le ba bangwe; dipapatso tse di rometsweng ke wena go Microsoft ka Ditirelo; le difaele, dinepe, ditokumente, dilo tsa medumo, dijithale, dikgaso ka tlhamalalo le dibidio tse o di laisang, o di bolokang, o di phasalatsang, o di tlhamang, o di dirang kgotsa o di abelanang ka Ditirelo, kgotsa dilo tse o di romelang gore o dire diteng ("Diteng tsa Gago"). Fa tsamaiso e theilwe mo tumelelong le go ya bokgakaleng jo bo letlelelwang ke molao, ka go dumalana le Melawana eno, o dumela gore Microsoft e kgobokanye, e dirise le go senola Diteng le Tshedimosetso ya gago jaaka go tlhalosiwa mo Polelwana ya Polokodiphiri. Mo maemong mangwe, re tla naya kitsiso e e kwa thoko le go kopa tumelelo ya gago jaaka go bontshitswe mo Polelwaneng ya Polokodiphiri.
Diteng tsa Gago
2. Diteng tsa Gago. Bontsi jwa Ditirelo tsa rona di go letla go tlhama, go boloka kgotsa go abelana Diteng tsa Gago kgotsa go amogela didirisiwa go tswa go ba bangwe. Ga re itire beng ba Diteng tsa Gago. Diteng tsa Gago e nna e le tsa gago mme o a ikarabelela mo go tsone.
- a. Fa o abelana Diteng tsa Gago le batho ba bangwe, o tlhaloganya gore ba ka nna ba kgona, lefatshe ka bophara, go dirisa, go boloka, go rekota, go dira dikhopi, go gasa, go fetisa, go abelana le go bontsha Diteng tsa Gago ka boikaelelo jo o dirileng gore Diteng tsa Gago di nne teng mo Ditirelong, ntle le go go duela. Fa o sa batle gore ba bangwe ba nne le bokgoni joo, o se ka wa dirisa Ditirelo go abelana Diteng tsa Gago. O emela le go netefatsa gore ka nako ya Melawana eno, o na le (e bile o tla nna le) ditshwanelo tsotlhe tse di tlhokegang tsa Diteng tsa Gago tse di laisitsweng, tse di bolokiweng, kgotsa tse di abelanwang mo Ditirelong kgotsa ka tsone le gore kgobokanyo, tiriso, le go bolokiwa ga Diteng tsa Gago ga go na go tlola molao ope kgotsa ditshwanelo tsa ba bangwe. Microsoft ga se beng ba Diteng tsa Gago, ga e laole, ga e netefatse, ga e duelele, ga e tshegetse e bile ga e rwale boikarabelo jwa tsone mme e ka se tsewe e ikarabelela Diteng tsa Gago kgotsa materiale o ba bangwe ba o laisang, ba o bolokang kgotsa ba o abelanang ba dirisa Ditirelo.
- b. Go ya bokgakaleng jo bo tlhokegang go tlamela wena le ba bangwe ka Ditirelo, go go sireletsa le go sireletsa Ditirelo, le go tokafatsa dikuno le ditirelo tsa Microsoft, o naya Microsoft laesense ya lefatshe ka bophara e e se nang dikatso ya go tlhama dilo go dirisa Diteng tsa Gago, ka sekai, go dira dikhopi, go tshola, go fetisa, go fometa sesha, go bontsha, le go anamisa Diteng tsa Gago mo Ditirelong ka didiriswa tsa tlhaeletsano. Fa o phasalatsa Diteng tsa Gago mo mafelong a Tirelo mo di leng teng mo inthaneteng ntle le dithibelo, Diteng tsa Gago di ka tlhaga mo ditshupong kgotsa mo dimaterialeng tse di rotloetsang Tirelo. Dingwe tsa ditirelo di tshegediwa ke papatso. Ditaolo tsa kafa Microsoft e dirang ka teng gore dipapatso e nne tsa yone di teng mo https://choice.live.com. Ga re dirise se o se buang mo imeileng, mo dipuianong, mo megaleng ya bidio kgotsa mo molaetseng wa lentswe, kgotsa ditokumente tsa gago, dinepe kgotsa difaele tse dingwe tsa sebele go go tlisetsa dipapatso. Dipholisi tsa rona tsa papatso di tlhalosiwa ka botlalo mo Polelwaneng ya Polokodiphiri.
- c. Microsoft e go naya bokgoni jwa go fitlhelela tshedimosetso ya gago e e ka romelwang ntle ka desheboto ya polokodiphiri ya Microsoft (https://account.microsoft.com/privacy) kgotsa ka segokaganyi sa modirisi wa kuno, fa o netefaditswe ka akhaonto ya gago ya Microsoft. Tshedimosetso eno e e ka romelwang kwa ntle e ka dirisiwa go fetolela kwa ditirelong tsa batlamedi ba bangwe. Microsoft e na le tshwanelo ya go thibela go romelwa ga tshedimosetso e e ka tsenyang tshireletsego ya ditirelo kgotsa dithoto tsa Microsoft tsa botlhalefi mo kotsing. Fa o sa kgone go romela tshedimosetso ya gago ka mekgwa eno, ikgolaganye le Microsoft mo atereseng e e mo karolong ya Tsela ya go ikgolaganya le rona (https://privacy.microsoft.com/privacystatement#mainhowtocontactusmodule) kgotsa ka go dirisa foromo ya rona ya webo ya (https://go.microsoft.com/fwlink/?linkid=2126612).
Melawana ya Maitsholo
3. Melawana ya Maitsholo. O ikarabelela ka maitsholo a gago le diteng tsa gago fa o dirisa Ditirelo.
- a. Ka go dumalana le Melawana eno, o a dumela gore fa o dirisa Ditirelo, go akaretsa ditirelo tsa AI tse di dirang ditshwetso, kgotsa tse di tsayang dikgato, ka go itirisa kgotsa ka maemo a a farologaneng a go tsereganya ga batho, o tla latela melao e e latelang:
- i. O se ka wa dira sepe se se seng mo molaong, kgotsa wa leka go tlhagisa kgotsa go abalana diteng tse di seng mo molaong.
- ii. O se ka wa dira tiro epe e e jang bana ntsoma, e e ba gobatsang kgotsa e e tshosetsang go ba gobatsa.
- iii. O se ka wa romela sepeme kgotsa wa nna le seabe mo bogodung jwa tshedimosetso, kgotsa wa leka go tlhagisa kgotsa go anamisa malware. Sepeme ke diimeile tse dintsi tse di sa batlegeng kgotsa tse di sa kopiwang, dipapatso, dikopo tsa go nna mogolagani, SMS (melaetsa e e kwalwang), melaetsa e e gorogang ka nako e e romelwang ka yone, kgotsa ditlhaeletsano tse di tshwanang tsa eleketeroniki. Bogodu jwa tshedimosetso ke go romela diimeile kgotsa ditlhaeletsano tse dingwe tsa eleketeroniki go dira ka tsietso kgotsa e seng kafa molaong gore baamogedi ba molaetsa ba senole tshedimosetso ya bone ya sebele kgotsa e e bosisi, e e jaaka dikhunololamoraba, matlha a tsalo, dinomoro tsa Tshireletsego ya Loago, dinomoro tsa dipaseporoto, tshedimosetso ya karata ya sekoloto, tshedimosetso ya tsa ditšhelete, kgotsa tshedimosetso e nngwe e e bosisi, kgotsa go fitlhelela diakhaonto kgotsa direkoto, go kopiwa ga ditokumente mo dikhomputareng kgotsa tshedimosetso e nngwe e e bosisi, tuelo le/kgotsa go bona ditšhelete. Malware e akaretsa tiro epe e e diretsweng go baka kgobalo ya setegeniki, jaaka go romela dilo tse di kotsi, go rulaganya go gana tlhaselo ya tirelo kgotsa go laola disefara tsa go laela le go laola.
- iv. O se ka wa bontsha kgotsa wa dirisa Ditirelo go tlhagisa kgotsa go abelana diteng tse di sa tshwanelang kgotsa matheriale (go akaretsa, ka sekai, maponapona, thobalano ya batho le diphologolo, ditshwantsho tsa thobalano, puo e e kgopisang, tirisodikgoka e e tseneletseng, go ikgobatsa, kgotsa ditiro tsa bokebekwa) kgotsa Diteng tsa Gago kgotsa dimatheriale tse di tsamaisaneng le melao ya lefelo la gago kgotsa melawana.
- v. O se ka wa nna le seabe mo tirong epe ya tsietso, ya maaka kgotsa e e latlhang (sk. go kopa madi o sa bue boammaaruri, go etsa mongwe o sele, go dira diakhaonto tsa maaka, go dira gore ditiro tse e seng tsa boammaaruri di itirise, go tlhagisa kgotsa go abalana diteng tse di diretsweng go tsietsa, go dirisa Ditirelo ka tsela e e sa siamang go oketsa palo ya go tshameka, kgotsa go ama maemo, ditekanyo, kgotsa dikakgelo) kgotsa tse di senyang kgotsa tse senyang batho maina.
- vi. O se ka wa faposa dithibelo dipe tsa go phitlhelelo, tiriso, kgotsa go nna gone ga Ditirelo (sk. go leka go "ntsha mo kgolegelong" thulaganyo ya AI kgotsa go tlosa mo go sa letlelewang).
- vii. O se ka wa dira tiro e e ka gobatsang wena, Ditirelo, kgotsa batho ba bangwe (sk. go fetisa dibaerase, go sala morago, go leka go tlhagisa kgotsa go abalana diteng tse di sotlang, di kgerisang kgotsa di tshosetsang ba bangwe, go kwala diteng tsa borukhutlhi kgotsa tirisodikgoka e e feteletseng, puisano ya puo ya letlhoo, kgotsa go rotloetsa tirisodikgoka kgatlhanong le batho ba bangwe).
- viii. O se ka wa senya kgotsa wa tsenelela mo ditshwanelong tsa batho ba bangwe (sk. go abalana mo go sa tshwanelang ga mmino o o dirilweng tetlokhopi kgota matheriale o mongwe o o dirilweng tetlokhopi, go rekisiwa gape kgotsa go phasaladiwa ka tsela e nngwe ga Bing maps, kgotsa go tsaya dikgatiso tsa dinepe kgotsa dibidio/medumo ya batho ba bangwe kwantle ga tumelelo ya bone ya go dirisa dilemogi/tshedimosets ya bone ya bayometeriki kgotsa boikaelelo bope jo bongwe o dirisa epe ya Ditirelo).
- ix. O se ka wa dira tiro e e gatakang ditshwanelo tsa ba bangwe tsa polokodiphiri kgotsa tshireletso ya tshedimosetso.
- x. O se ka wa thusa ba bangwe go roba melao eno.
- Tshedimosetso e e oketsegileng ka dipholisi tsa rona, taolo le go tsenngwa tirisong ga ditsamaiso le mareo a a rileng a tirelo di teng mo aka.ms/trustandsafety.
Go dirisa Ditirelo le Tshegetso
4. Go dirisa Ditirelo le Tshegetso.
- a. Akhaonto ya Microsoft. O tla tlhoka akhaonto ya Microsoft go fitlhelela bontsi jwa Ditirelo. Akhaonto ya gago ya Microsoft e go letla go tsena mo dikunong, diwebosaete le ditirelo tse di tlamelwang ke Microsoft le bagwebisani bangwe ba Microsoft.
- i. Go dira Akhaonto. O ka tlhama akhaonto ya Microsoft ka go ikwadisa mo inthaneteng. O dumalana gore o se ka wa dirisa tshedimosetso ya maaka, e e sa nepagalang kgotsa e e latlhang fa o ikwadisetsa akhaonto ya Microsoft. Mo maemong mangwe, ditlamo tse dingwe, tse di jaaka motlamedi wa gago wa tirelo ya Inthanete, di ka tswa di go abetse akhaonto ya Microsoft. Fa o amogetse akhaonto ya gago ya Microsoft go tswa go ditlamo tse dingwe, ditlamo tse dingwe di ka tswa di na le ditshwanelo tse dingwe mo akhaontong ya gago, jaaka bokgoni jwa go fitlhelela kgotsa go phimola akhaonto ya gago ya Microsoft. Tsweetswee boeletsa melawana e mengwe e ditlamo tse dingwe di go tlametseng ka yone, ka gore Microsoft ga e na boikarabelo mabapi le melawana e mengwe e. Fa o tlhama akhaonto ya Microsoft mo boemong jwa kgwebo, e e jaaka kgwebo ya gago kgotsa mothapi, o dumela gore o na le taolo ya semolao go tlamelela kgwebo eo mo Melawaneng e. O ka se fetisetse boitshupo jwa akhaonto ya gago ya Microsoft go modirisi yo mongwe kgotsa kgwebo. Go sireletsa akhaonto ya gago, tshola dintlha tsa akhaonto ya gago le khunololamoraba e le khupamarama. O ikarabelela tiro yotlhe e e diregang mo akhaontong ya gago ya Microsoft.
- ii. Tiriso ya Akhaonto. O tshwanetse go dirisa akhaonto ya gago ya Microsoft gore e nne e dira. Seno se raya gore o tshwanetse go tsena bobotlana gangwe fela mo pakeng ya dingwaga tse pedi gore o boloke akhaonto ya gago ya Microsoft, le Ditirelo tse di amanang le yone (kwantle ga fa go bontshitswe ka tsela nngwe), di dira, ntle le fa go tlametswe paka e teletsana mo pholising ya tiro ya akhaonto ya Microsoft https://go.microsoft.com/fwlink/p/?linkid=2086738 kgotsa mo tshitshinyong ya tuelo ya karolo e e duelelwang ya Ditirelo. Fa o sa tsene ka nako e, re tla tsaya gore akhaonto ya gago ya Microsoft ga e dire mme re tla e tswala mo boemong jwa gago. Tsweetswee bona karolo 4.a.iv.2 go bona dipheletso tsa akhaonto ya gago ya Microsoft e e tswetsweng. O tshwanetse go tsena mo lebokosokgorogelo la gago la Outlook.com le OneDrive ya gago (kwa thoko) bobotlana gangwe fela mo pakeng ya ngwaga, go seng jalo re tla tswala lebokosokgorogelo la gago la Outlook.com le OneDrive ya gago mo boemong jwa gago. Fa re na le mabaka a a utlwalang a go belaela gore akhaonto ya gago ya Microsoft e mo kotsing ya go dirisiwa ke ditlamo tse dingwe ka tsietso (sekao, ka ntlha ya go tsenya akhaonto mo kotsing), Microsoft e ka emisa akhaonto ya gago go fitlha o boa o nna mong wa yone gape. Go ikaegile ka mofuta wa kotsi, go ka nna ga tlhokega gore re se ka ra kgontsha phitlhelelo ya dingwe tsa Diteng tsa Gago kgotsa tsotlhe. Fa o na le mathata a go fitlhelela akhaonto ya gago ya Microsoft, tsweetswee etela webosaete e: https://go.microsoft.com/fwlink/?LinkId=238656.
- iii. Bana le Diakhaonto. Ka go dira akhaonto ya Microsoft kgotsa go dirisa Ditirelo, o amogela le go dumela go tlamiwa ke Melawana eno le go dumela gore o fitlhile mo dingwageng tsa "bontsi" kgotsa tsa "boikarabelelo jwa semolao" mo o nnang teng kgotsa motsadi wa gago kgotsa motlhokomedi wa semolao o dumela go tlamiwa ke Melawana eno mo boemong jwa gago. Fa o sa itse gore a o fitlhile mo dingwageng tsa "bontsi" kgotsa tsa "boikarabelelo jwa semolao" mo o nnang teng, kgotsa o sa tlhaloganye karolo eno, tsweetswee kopa motsadi wa gago kgotsa motlhokomedi wa semolao gore a go thuse. Fa o le motsadi kgotsa motlhokomedi wa semolao wa ngwana yo monnye, wena le ngwana yo monnye le amogela le go dumela go tlamiwa ke Melawana e mme le ikarabelela tiriso yotlhe ya akhaonto ya Microsoft kgotsa Ditiriso, go akaretsa go reka, le fa akhaonto ya ngwana yo monnye e butswe jaanong kgotsa e tlhamiwa moragonyana.
- iv. Go Tswala Akhaonto ya Gago.
- 1. O ka khansela ditirelo tse di totobetseng kgotsa wa tswala akhaonto ya gago ya Microsoft ka nako nngwe le nngwe le ka lebaka lengwe le lengwe. Go tswana akhaonto ya gago ya Microsoft, tsweetswee etela https://go.microsoft.com/fwlink/p/?linkid=618278. Fa o re kopa go tswala akhaonto ya gago ya Microsoft, o ka tlhopha go e baya mo seemong sa go emisiwa ka malatsi a le 30 kgotsa a le 60 gore fa go ka direga gore o fetole mogopolo. Morago ga paka eo ya malatsi a le 30 kgotsa a le 60, akhaonto ya gago ya Microsoft e tla tswalwa. Tsweetswee bona karolo 4.a.iv.2 fa tlase go bona tlhaloso ya gore go direga eng fa akhaonto ya gago ya Microsoft e tswalwa. Go boa o tsena gape ka nako ya paka eo ya go emisiwa go tla tsosolosa akhaonto ya gago ya Microsoft.
- 2. Fa akhaonto ya gago ya Microsoft e tswalwa (ke wena kgotsa ke rona), go direga dilo di le mmalwa. Sa ntlha, tshwanelo ya gago ya go dirisa akhaonto ya Microsoft go fitlhelela Ditirelo e ema ka gangwe. Sa bobedi, re tla phimola Tshedimosetso kgotsa Diteng tsa Gago tse di amanang le akhaonto ya gago ya Microsoft kgotsa go seng jalo re tla ikgaoganya le wena le akhaonto ya gago ya Microsoft (ntle le fa molao o tlhoka gore re e boloke, re e buse, kgotsa re e fetisetse go wena kgotsa go ditlamo tse dingwe tse o di umakileng). O tshwanetse go nna le leano le lengwe la ka gale la go boloka tshedimosetso ka gore Microsoft e ka se kgone go busetsa Diteng tsa Gago kgotsa Tshedimosetso fa akhaonto ya gago e tswetswe. Sa boraro, o ka nna wa latlhegelwa ke dikuno tse o di rekileng.
- b. Tekatekanole Tiragatso ya Molao. Bontsi jwa Ditirelo tsa rona tse di go letlang go dirisana, go dira, go tlhama, le go abelana diteng le ba bangwe di dirisa dithulaganyo tsa tshireletsego go sireletsa Ditirelo tsa rona le badirisi ba bangwe.
- i. Dipholisi. Melawana ya rona ya Boitshwaro e bontsha se se thibetsweng fa o dirisa Ditirelo tsa rona. Dipholisi tsa rona tsa diteng le maitsholo di ka fitlhelwa fano (https://www.microsoft.com/DigitalSafety/policies). Ditirelo tse di rileng di na le dipholisi tse di oketsegileng le melawana ya morafe e e dirang mo badirising ba tsone, e e leng teng fano (https://aka.ms/trustandsafety).
- ii. Go Bega Tlhobaelo. O ka bega diteng tse di tlhobaetsang kgotsa maitsholo jo bo ka robang Melawana ya rona ya Maitsholo fano (https://aka.ms/reportconcerns).
- iii. Poeletso. Fa go tshwnelang gone, re ka dirisa dithulaganyo tse di itirisang le batho go boeletsa diteng go lemoga sepeme se se belaelwang, dibaerase, tsietso, bogodu jwa tshedimosetso, malware, go thoba mo kgolegelong, kgotsa diteng kgotsa boitshwaro jo bongwe jo bo seng mo molaong kgotsa jo bo gobatsang.
- iv. Tiragatso. Re na le tshwanelo ya go gana diteng fa di feta tekanyo mo bobolokelong kgotsa bogolo jwa faele jo bo dumelelwang ke Tirelo. Re ka thibela, ra tlosa kgotsa ra gana go bontsha diteng fa di bonala di roba Molawana wa rona wa Boitshwaro kgotsa pholisi ya Tirelo kgotsa fa molao o batla jalo. Fa o roba melawana eno kgotsa Dipholisi (https://aka.ms/trustandsafety), re ka tsaya kgato kgatlhanong le akhaonto ya gago. Seno se ka akaretsa go lekanyetsa phitlhelelo ya dikarolo kgotsa Ditirelo tse di rileng, go emisa go tlamela ka Ditirelo, go tswala akhaonto ya gago ya Microsoft ka ponyo ya leitlho kgotsa go thibela kgoroso ya tlhaeletsano (jaaka imeile, go abalana faele kgotsa molaetsa wa ka pele) e e tswang mo Ditirelong kgotsa e e yang mo go tsone. Go tswalelwa ga phitlhelelo ya gago mo Ditirelong kgotsa mo akhaontong ya gago go ka felela ka go latlhegelwa ke dilaesense tsa diteng, diteng tse di amanang, botokololo, le dibalanse tsa akhaonto ya Microsoft tse di amanang le akhaonto. Fa re sekaseka go tlolwa ga Melawana eno mo go belaelwang, Microsoft e sala e na le tshwanelo ya go sekaseka diteng e le go rarabolola kgang. Le fa go le jalo, re ka se beye Ditirelo tsotlhe leitlho mme ga re leke go dira jalo. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka ditsamaiso tsa tekatekano le go tsenngwa tirisong (https://www.microsoft.com/DigitalSafety/moderation-and-enforcement), melawana e e rileng ya Tirelo, Dipholisi le dikaelo tse di oketsegileng (https://www.microsoft.com/DigitalSafety/policies/additional-guidelines), le boikuelo (https://www.microsoft.com/DigitalSafety/moderation-and-enforcement/appeals), bona https://aka.ms/trustandsafety. Tshedimosetso ka pholisi ya rona e e amanang le ditleleimi tsa tlolo ya molao wa go tlhama dilo e ka fitlhelwa mo DIKITSISO.
- c. Diakhaonto tsa Tiro kgotsa Sekolo. O ka tsena mo ditirelong tse di rileng tsa Microsoft ka aterese ya imeile ya tiro kgotsa sekolo. Fa o dira jalo, o dumela gore mong wa bonno jo bo amanang le aterese ya gago ya imeile a ka itsisiwe ka go nna teng ga akhaonto ya gago ya Microsoft le botokololo jo bo amanang le yone, a laola le go tsamaisa akhaonto ya gago, le go fitlhelela le go rulaganya Tshedimosetso ya gago, go akaretsa diteng tsa ditlhaeletsano tsa gago le difaele le gore Microsoft e ka itsise mong wa bonno fa akhaonto kgotsa Tshedimosetso e le mo kotsing. Gape o dumela gore tiriso ya gago ya ditirelo tsa Microsoft e ka ikaega ka ditumalano tse Microsoft e nang le tsone le wena kgotsa setlamo sa gago le gore Melawana eno e ka nna ya se ka ya dira. Fa o setse o na le akhaonto ya Microsoft mme o dirisa aterese e nngwe ya imeile ya tiro kgotsa sekolo go fitlhelela Ditirelo tse di akarediwang mo Melawaneng eno, o ka nna wa gwetlhiwa gore o tlhabolole aterese ya imeile e e amanang le akhaonto ya gago ya Microsoft gore o kgone go tswelela o fitlhelela Ditirelo tse di ntseng jalo.
- d. Maano a Mangwe a Didirisiwa/Tshedimosetso. Go dirisa bontsi jwa Ditirelo, o tla tlhoka leano la inthanete le/kgotsa leano la tshedimosetso/selula. Gape o ka nna wa tlhoka didiriswa tse dingwe, jaaka sebuelatsebeng, khamera kgotsa sebuelagodimo. O ikarabelela go tlamela ka dikgokagano tsotlhe, maano, le didiriswa tse di tlhokegang go dirisa Ditirelo le go duela dituelo tse di lefisiwang ke motlamedi/batlamedi ba dikgolagano tsa gago, maano, le didiriswa. Dituelo tseo ke mo godimo ga dituelo tse o di re duelelang Ditirelo mme re ka se go busetse tšhelete ya dituelo tse di ntseng jalo. Botsa motlamedi/batlamedi ba gago go dira tshwetso ya gore a dituelo tse di ntseng jalo di ka dira mo go wena.
- e. Dikitsiso tsa Tirelo. Fa go na le sengwe sa botlhokwa se re tlhokang go se go bolelela kaga Tirelo e o e dirisang, re tla go romelela dikitsiso tsa Tirelo. Fa o re file aterese ya gago ya imeile kgotsa nomoro ya gago ya mogala mabapi le akhaonto ya gago ya Microsoft, re ka romela dikitsiso tsa Tirelo kwa go wena ka imeile kgotsa ka SMS (molaetsa wa mafoko), go akaretsa go netefatsa boitshupo jwa gago pele ga re kwadisa nomoro ya gago ya selula le go netefatsa ditheko tsa gago. Gape re ka nna ra romela dikitsiso tsa Tirelo ka ditsela tse dingwe (ka sekai ka melaetsa ya mo teng ga dikuno). Ditlhwatlhwa tsa data kgotsa tsa go romela melaetsa di ka nna tsa dirisiwa fa go amogelwa dikitsiso ka SMS.
- f. Tshegetso. Tshegetso ya Ditirelo dingwe e teng mo https://support.microsoft.com mme e laolwa ke melawana eno, mme Ditirelo dingwe di ka nna tsa neela tshegetso ya badirisi e e farologaneng kgotsa e e okeditsweng, go ya ka melawana ya koketso. Tshegetso e ka tswa e seyo mo mefuteng ya ponopele kgotsa beta ya ditiriso kgotsa Ditirelo. Go nna teng ga Tshegetso go ka farologana go ikaegile ka kgato ya modikologo wa botshelo jwa sediriswa mme O tshwanetse go nna le Tirelo e e tshwanelang le e e nang le laesense e e nepagetseng e e diragatsang ditlhokego tse di kwa tlase tsa tshegetso tse di tlhalositsweng mo Microsoft Lifecyle (https://learn.microsoft.com/lifecycle). Ditirelo di ka nna tsa se tsamaelane le softwawe kgotsa ditirelo tse di tlamelwang ke ditlamo tse dingwe, mme o ikarabelela go itlwaelanya le ditlhokego tsa tsamaelano.
- g. Go Khutlisa Ditirelo tsa gago. Fa Ditirelo tsa gago di khanselwa, (ke wena kgotsa ke rona), sa ntlha tshwanelo ya gago ya go fitlhelela Ditirelo e ema ka gangwe mme laesense ya gago ya go dirisa serweboleta se se amanang le Ditirelo e a khutla. Sa bobedi, re tla phimola Tshedimosetso kgotsa Diteng tsa Gago tse di amanang le Tirelo ya gago kgotsa go seng jalo re tla ikgaoganya le wena le akhaonto ya gago ya Microsoft (ntle le fa molao o tlhoka gore re e boloke, re e buse, kgotsa re e fetisetse go wena kgotsa go ditlamo tse dingwe tse o di umakileng). Ka ntlha ya seo o ka nna wa se tlhole o kgona go fitlhelela Ditirelo dipe (kgotsa Diteng tsa Gago tse o di bolokileng mo Ditirelong tseo). O tshwanetse go nna le leano le lengwe la ka gale la go boloka tshedimosetso. Sa boraro, o ka nna wa latlhegelwa ke dikuno tse o di rekileng. Fa o khansetse akhaonto ya gago ya Microsoft mme o se na akhaonto e nngwe e e kgonang go fitlhelela Ditirelo, Ditirelo tsa gago di ka nna tsa khanselwa ka gangwe.
Go Dirisa Ditiriso le Ditirelo tsa Ditlamo Tse Dingwe
5. Go Dirisa Ditiriso le Ditirelo tsa Ditlamo Tse Dingwe. Ditirelo di ka go letla go fitlhelela kgotsa go bona dikuno, ditirelo, diwebosaete, dikgokagano, diteng, sediriso, metshameko, bokgoni, dikopanyo, diporokeramo kgotsa ditiriso tsa ditlamo tse dingwe tse di ikemetseng (ditlamo le batho ba e seng Microsoft) ("Ditiriso tsa Ditlamo Tse Dingwe le Ditirelo"). Bontsi jwa Ditirelo tsa rona gape di go thusa go bona, go dira dikopo kgotsa go dirisana le Ditirelo le Di-App tsa Ditlamo tse Dingwe mme di ka nna tsa go letla kgotsa tsa go tlhoka gore o abelane Diteng tsa Gago kgotsa Tshedimosetso le Ditirelo le Di-App tsa Ditlamo tse Dingwe, mme o tlhaloganya gore ka go dirisa Ditirelo tsa rona o ba kaela gore ba go neye Ditirelo le Di-App tsa Ditlamo tse Dingwe. Di-App le Dtirelo tsa Ditlamo Tse Dingwe gape di ka nna tsa go letla kgotsa tsa go tlhoka go boloka Diteng tsa Gago kgotsa Tshedimosetso le mophasalatsi, motlamedi, kgotsa motsamaisi wa di-App le Ditirelo tsa Ditlamo Tse Dingwe. Ditiriso tsa Ditlamo Tse Dingwe le Ditirelo di ka nna tsa go fa pholisi ya khupamarama kgotsa tsa tlhoka gore o amogele melawana ya bone pele ga o ka tsenya kgotsa wa dirisa Tiriso ya Ditlamo tse Dingwe kgotsa Tirelo. Bona karolo 13.b go bona melawana e mengwe ya ditiriso tse di rekilweng mo Mabenkeleng a a rileng a Microsoft kgotsa a a laolwang ke yone kgotsa badirisani ba yone (go akaretsa, mme e seng go lekanyediwa go, Lebenkele la Office, Microsoft Store mo Xbox le Microsoft Store mo Windows. O tshwanetse go sekaseka melawana ya ditlamo tse dingwe le dipholisi tsa polokodiphiri pele ga o bona, o dirisa, o kopa, kgotsa o gokaganya Akhaonto ya gago ya Microsoft le Ditiriso tsa Ditlamo Tse Dingwe le Ditirelo. Melawana epe ya ditlamo tse dingwe ga e fetole Melawana e. Microsoft ga e go fe laesense ya go tlhama dilo jaaka karolo ya Ditiriso tsa Ditlamo Tse Dingwe le Ditirelo. O dumalana go rwala kotsi le boikarabelo tse di ka tlhagang ka ntlha ya tiriso ya gago ya Ditiriso tsa Ditlamo Tse Dingwe le Ditirelo le gore Microsoft ga e ikarabelele dikgang dipe tse di tlhagang ka ntlha ya tiriso ya gago ya tsone. Microsoft ga e ikarabelele mo go wena kgotsa mo go ba bangwe ka tshedimosetso kgotsa ditirelo tse di tlamelwang ke Ditiriso tsa Ditlamo Tse Dingwe le Ditirelo.
Go Nna Teng ga Ditirelo
6. Go Nna Teng ga Ditirelo.
- a. Ditirelo, Ditiriso tsa Ditlamo Tse Dingwe le Ditirelo, kgotsa materiale kgotsa dikuno tse di abiwang ka Ditirelo di ka nna tsa bo di seyo ka dinako dingwe, di ka abiwa di lekanyeditswe, kgotsa di ka farologana go ikaegile ka kgaolo kgotsa sediriswa. Fa o fetola lefelo le le amanang le akhaonto ya gago ya Microsoft, o ka nna wa tlhoka go reka gape materiale le ditiriso tse o neng o na le tsone le go di duelela mo kgaolong ya gago ya nako e e fetileng. O dumalana gore o se ka wa fitlhelela kgotsa wa dirisa materiale kgotsa Ditirelo tse di seng kafa molaong kgotsa tse di sa ntshediwang laesense go diriswa mo nageng e o fitlhelelang kgotsa o dirisang materiale o o ntseng jalo kgotsa Ditirelo, kgotsa go fitlha kgotsa go bua maaka ka lefelo la gago kgotsa boitshupo e le gore o fitlhelele kgotsa o dirise materiale o o ntseng jalo kgotsa Ditirelo.
- b. Re leka go boloka Ditirelo di dira sentle; le fa go le jalo, ka dinako tse dingwe ditirelo tsotlhe tsa inthanete di a kgoreletsega le go tima, mme Microsoft ga e ikarabelele dikgoreletsego kgotsa tatlhegelo e o ka nnang le yone ka nltha ya seo. Fa go ka tima, o ka nna wa se ka wa kgona go busetsa Diteng tsa Gago kgotsa tshedimosetso e o e bolokileng. Re atlanegisa gore ka gale o boloke Diteng tsa Gago le Tshedimosetso tse o di bolokang mo Ditirelong kgotsa tse o di bolokang o dirisa Ditiriso tsa Ditlamo Tse Dingwe le Ditirelo.
Tlhabololo ya Ditirelo kgotsa Dirweboleta, le Diphetogo tsa Melawana E
7. Ditlhabololo tsa Ditirelo kgotsa Serweboleta, le Diphetogo tsa Melawana E.
- a. Re ka fetola Melawana eno nako nngwe le nngwe, mme re tla go bolelela fa re dira jalo. Go dirisa Ditirelo fa diphetogo di sena go simolola go dira go raya gore o dumalana le melawana e mešwa. Fa o sa dumalane le melawana e mešwa, o tshwanetse go emisa go dirisa Ditirelo, o tswale akhaonto ya gago ya Microsoft mme, fa o le motsadi kgotsa motlhokomedi, o thuse ngwana wa gago yo monnye go tswala akhaonto ya gagwe ya Microsoft.
- b. Ka dinako dingwe o tla tlhoka ditlhabololo tsa serweboleta gore o tswelele o dirisa Ditirelo. Re ka tlhola ka itiriso mofuta wa serweboleta sa gago le go laisolola ditlhabololo tsa dirweboleta kgotsa diphetogo tsa thulaganyo. Gape go ka nna ga tlhokega gore o tlhabolole serweboleta goreo tswelel o dirisa Ditirelo. Ditlhabololo tse di ntseng jalo di ikaegile ka Melawana e ntle le fa melawana e mengwe e e tla le ditlhabololo, mme mo seemong seo, go tla dira melawana e mengwe eo. Microsoft ga e tlamege go dira ditlhabololo mme ga e tlhomamise gore re tla tshegetsa mofuta wa thulaganyo e o reketseng serweboleta kgotsa e o e tseetseng laesense ya sone, ditiriso, diteng kgotsa dikuno tse dingwe. Ditlhabololo tse di ntseng jalo di ka tswa di sa tsamaelane le serweboleta kgotsa ditirelo tse di tlametsweng ke ditlamo tse dingwe. O ka gogela tetla ya gago morago mo ditlhabololong tsa isago tsa serweboleta nako nngwe le nngwe ka go ntsha serweboleta.
- c. Mo godimo ga moo, go ka nna le dinako tse re tlhokang go tlosa kgotsa go fetola dikarolo kgotsa tiro ya Tirelo kgotsa go emisa go naya Tirelo kgotsa phitlhelelo go di-App tsa Setlamo se Sengwe kgotsa Ditirelo gotlhelele. Kwantle ga bogolo jo bo batlwang ke molao o o maleba, ga re na maikarabelo a go naya go laisa gape kgotsa go emisetsa matheriale ope, Dithoto tsa Dijithale (tse di tlhalosiwang mo karolo 13.i), kgotsa dithulaganyo tse di rekilweng mo nakong e e fetileng. Re ka nna ra ntsha Ditirelo kgotsa dikarolo tsa tsone mo tebopeleng kgotsa mo mofuteng wa beta, o o ka tswang o sa dire sentle kgotsa ka tsela e e tshwanang le e mofuta wa bofelo o ka tswang o dira ka yone.
- d. Gore o kgone go dirisa dilo tse di sireleditsweng ka bolaodi jwa ditshwanelo tsa dijithale (DRM), jaaka mmino, metshameko, difilimi, dibuka le tse dingwe, serweboleta sa DRM se ka golagana ka go itiragalela sefara ya ditshwanelo tsa internet le go laisa le go tsenya ditlhabololo tsa DRM.
Laesense ya Serweboleta
8. Laesense ya Serweboleta. Ntle le fa e tsamaya le tumalano ya laesense ya Microsoft e e kwa thoko (sekao, fa o dirisa tiriso ya Microsoft e e akarediwang le Windows e bile e le karolo ya yone, Melawana ya Laesense ya Serweboleta ya Microsoft ya Tsamaisotiro ya Windows e laola serweboleta se se ntseng jalo), serweboleta sengwe le sengwe se re go tlametseng ka sone jaaka karolo ya Ditirelo se ikaegile ka Melawana e. Ditiriso tse di rekilweng mo Mabenkeleng a a rileng a Microsoft kgotsa a a laolwang ke yone kgotsa badirisani ba yone (go akaretsa, mme e seng go lekanyediwa go Lebenkelela Office, Microsoft Store mo Windows le Microsoft Store mo Xbox) di ikaegile ka karolo 13.b.i fa tlase.
- a. Fa o tsamaisana le Melawana e, re go fa tshwanelo ya go tsenya le go dirisa khopi e le nngwe ya serweboleta mo sedirisweng sengwe le sengwe lefatshe ka bophara gore se dirisiwe fela ke motho a le mongwe ka nako jaaka karolo ya tiriso ya gago ya Ditirelo. Mo didirisweng tse di rileng, serweboleta se se ntseng jalo se ka tsenyediwa tiriso ya gago ya sebele, e e seng ya kgwebo ya Ditirelo. Serweboleta kgotsa webosaete e e leng karolo ya Ditirelo e ka akaretsa khoutu ya ditlamo tse dingwe. Ditlamo tse dingwe tse e leng beng ba khoutu e e ntseng jalo di go fa laesense ya dikeripiti tsa ditlamo tse dingwe kgotsa khoutu, tse di gokaganeng le kgotsa tse di nang le tshupetso go tswa go serweboleta kgotsa webosaete. Dikitsiso, fa di le teng, tsa khoutu ya ditlamo tse dingwe di tseneydiwa tshedimosetso ya gago fela
- b. Serweboleta se ntshediwa laesense, ga se rekisiwe, mme Microsoft e sala e na le ditshwanelo tsotlhe tsa serweboleta tse di sa abiwang ke Microsoft, e ka tswa e se ka tlhamalalo, ka nnete kgotsa ka ditsela di sele. Laesense e ga e go fe tshwanelo ya go dira se, e bile o ka se:
- i. iphapaanye kgotsa wa tila ditekanyetso tsa tshireletso ya thekenoloji mo serweboleteng kgotsa mo Ditirelong kgotsa tse di amanang le tsone;
- ii. tlhatlhamolole, go senya thulaganyo, kgotsa go tlhanolola boenjenere jwa serweboleta sepe se se akarediwang mo tirelong, ntle le fa le fela go ya bokgakaleng jo molao wa tetlokhopi o o maleba o letlang ka tlhamalalo go dira jalo;
- iii. kgaoganye dikarolo tsa serweboleta kgotsa Ditirelo go di dirisa mo didirisweng tse di farologaneng;
- iv. phasalatse, wa dira dikhopi, wa hirisa, wa adima, wa rekisa, wa romelantle, wa romelateng, wa anamisa, kgotsa wa adimisana ka serweboleta kgotsa Ditirelo, ntle le fa Microsoft e go letla ka tlhamalalo go dira jalo;
- v. fetise serweboleta, dilaesense dipe tsa serweboleta, kgotsa ditshwanelo dipe tsa go fitlhelela kgotsa go dirisa Ditirelo;
- vi. dirise Ditirelo ka tsela e e sa letlelelwang e e ka kgoreletsang tiriso ya motho yo mongwe ya tsone kgotsa go fitlhelela tirelo, tshedimosetso, akhaonto, kgotsa neteweke;
- vii. kgontshe phitlhelelo ya Ditirelo kgotsa go fetola sediriswa sepe se se letleletsweng ke Microsoft (s.k., dikhonsoule tsa Xbox, Microsoft Surface, jj.) ke ditiriso tse di sa letlelelwang tsa ditlamo tse dingwe.
Melawana ya Tuelo
9. Melawana ya Tuelo. Fa o reka Tirelo, melawana e ya tuelo e dira mo thekong ya gago mme o dumalana le yone.
- a. Ditefiso. Fa go na le tefiso e e amanang le karolo ya Ditirelo, o dumalana go duela tefiso ka tšhelete e e totobaditsweng. Tlhwatlhwa e e tlhalositsweng ya Ditirelo ga e akaretse makgetho otlhe a a maleba le kananyo ya tšhelete, ntle le fa go tlhalositswe ka tsela e sele. Ditlhwatlhwa tsotlhe tsa dikuno tse di duelelwang tsa Skype di a akarediwa mo makgethong otlhe a a maleba, ntle le fa go tlhalositswe ka tsela e sele. Ke wena fela o ikarabelelang go duela makgetho a a ntseng jalo kgotsa ditefiso tse dingwe. Skype e balela makgetho go theilwe mo atereseng ya bonno e e amanang le tshedimosetso ya gago ya tshupamolato. O ikarabelela go netefatsa gore aterese e e tlhabolotswe e bile e nepagetse. Ntle le dikuno tsa Skype, makgetho a balelwa go ikaegile ka lefelo la gago ka nako e akhaonto ya gago ya Microsoft kgotsa ya Skype e kwadisitsweng ka yone ntle le fa molao wa lefelo la gago o tlhoka motheo o o farologaneng wa go balela. Re ka emisa kgotsa ra khansela Ditirelo fa re sa amogele tuelo e e tlang ka nako, e e feletseng go tswa kwa go wena. Go emisiwa kgotsa go khanselwa ga Ditirelo ka ntlha ya go sa duele go ka felela ka gore o latlhegelwe ke phitlhelelo le tiriso ya akhaonto ya gago le diteng tsa yone. Go golaganya le Inthanete ka neteweke ya koporasi kgotsa neteweke e e ikemetseng ka nosi e e fitlhang lefelo la gago go ka dira gore ditefiso di farologane le tse di bontshiwang tsa lefelo la gago la mmatota. Go ikaegile ka lefelo la gago, ditirisano dingwe di ka tlhoka phetolo ya tšhelete ya dinaga di sele kgotsa di tsamaisiwe mo nageng e sele. Banka ya gago e ka nna ya go lefisa dituelo tse dingwe tsa ditirelo tseo fa o dirisa karata ya gago ya debiti kgotsa ya sekoloto. Tsweetswee ikgolaganye le banka ya gago go bona dintlha.
- b. Akhaonto ya Gago ya Tuelo. Gore o duele ditefiso tsa Tirelo, o tla kopiwa go tlamela ka mokgwa wa tuelo ka nako e o ikwadisetsang Tirelo eo. Mo ditirelong tsotlhe ntle le Skype, o ka fitlhelela le go fetola tshedimosetso ya gago ya tuelo le mokgwa wa tuelo mo webosaeteng ya taolo ya akhaonto ya Microsoft (https://go.microsoft.com/fwlink/p/?linkid=618281) le serweboleta sa Skype le dikumo ka go tsena mo phothaleng ya akhaonto ya gago mo https://skype.com/go/myaccount. Gape, o dumalana go letla Microsoft go dirisa tshedimosetso nngwe le nngwe e e tlhabolotsweng ya akhaonto mabpi le mokgwa o o tlhophileng wa tuelo o o tlametsweng ke banka ya gago kgotsa ke neteweke e e maleba ya tuelo. O dumela go tlhabolola akhaonto ya gago ka gangwe le tshedimosetso e nngwe, go akaretsa aterese ya imeile le dintlha tsa mokgwa wa tuelo, gore re kgone go wetsa ditirisano tsa gago le go ikgolaganya le wena fa go tlhokega mabapi le ditirisano tsa gago. Diphetogo tse di dirilweng mo akhaontong ya gago ya tuelo di ka se ame ditefiso tse re di romelang kwa akhaontong ya gago ya tuelo pele ga re ka tsaya kgato ka diphetogo tse di mo akhaontong ya gago ya tuelo.
- c. Tuelo. Ka go tlamela Microsoft ka mokgwa wa tuelo, o (i) dumela gore o letleletwe go dirisa mokgwa wa tuelo o o o tlametseng le gore tshedimosetso nngwe le nngwe ya tuelo e o e tlamelang ke ya nnete e bile e nepagetse; (ii) fa Microsoft tetla ya go go lefisetsa Ditirelo kgotsa diteng tse di leng teng e dirisa mokgwa wa gago wa tuelo; gape (iii) o letlelela Microsoft go go lefisetsa karolo nngwe le nngwe e e duelelwang ya Ditirelo tse o tlhophang go di ikwadisetsa kgotsa go di dirisa fa Melawana e e le mo tirisong. Re ka go duedisa (a) pele ga nako; (b) ka nako ya theko; (c) nako e khutshwane morago ga theko; kgotsa (d) ka go boaboeletsa mo Ditirelong tsa botokololo. Gape, re ka go lefisa go fitlha go tšhelete e o e letleletseng, mme re tla go itsise pele ga nako ka phetogo nngwe le nngwe mo tšheleteng e o tla e lefisediwang Ditirelo tsa botokololo tse di boaboelelang. Re ka go duedisetsa paka ya gago ya tuelo e feta e le nngwe e e fetileng tšhelete e e sa ntshiwang mo nakong e e fetileng.
- d. Dituelo tse di Boaboelelang. Fa o reka Ditirelo (s.k., kgwedi le kgwedi, dikgwedi dingwe le dingwe tse 3 kgotsa ka ngwaga (jaaka go le maleba), o dumela le go dumalana gore o letlelela dituelo tse di boaboelelang, mme dituelo di tla duelwa Microsoft le ka mokgwa o o o tlhophileng ka dinako tse di boaboelelang tse o dumalaneng le tsone, go fitlha botokololo jwa Tirelo eo bo khutlisiwa ke wena kgotsa ke Microsoft. O tshwanetse go khansela Ditirelo tsa gago pele ga letlha le le latelang la tuelo go emisa go duedisiwa go tsweledisa Ditirelo tsa gago. Re tla go tlamela ka ditaelo tsa kafa o ka khanselang Ditirelo ka teng. Ka go ntsha tetla ya dituelo tse di boaboelelang, o fa Microsoft tetla ya go fetisa dituelo jaaka didebiti tsa eleketeroniki kgotsa go fetisiwa ga matlole, kgotsa jaaka terafote ya eleketeroniki go tswa mo akhaontong ya gago e o e tlhophileng (ya Netweke ya Eleketeroniki ya Ditirisano tsa Ditšhelete kgotsa dituelo tse di tshwanang), kgotsa jaaka dituediso tse di romelwang go akhaonto ya gago e o e tlhophileng (ya karata ya sekoloto kgotsa dituelo tse di tshwanang) (ka kakaretso, "“Dituelo tsa Eleketeroniki”). Dituelo tsa botokololo ka kakaretso di duedisiwa pele ga nako ya paka ya botokololo jo bo maleba. Fa tuelo e busiwa e sa duelwa kgotsa fa karata ya sekoloto kgotsa tirisano e e tshwanang e ganwa kgotsa e thibelwa, Microsoft kgotsa batlamedi ba yone ba tirelo ba sala ba na le tshwanelo ya go tsaya selwana sengwe le sengwe se se maleba, go ganwa kgotsa tuelo ya matlole a a sa lekaneng le go tsamaisa tuelo e e ntseng jalo jaaka Tuelo ya Seeleketeroniki.
- e. Seteitemente sa Inthanete le Diphoso. Mo Ditirelong tsotlhe ntle le Skype, Microsoft e tla go tlamela ka seteitemente sa inthanete sa tuelo mo webosaeteng ya taolo ya akhaonto ya Microsoft (https://go.microsoft.com/fwlink/p/?linkid=618282), kwa o ka bonang le go gatisa seteitemente sa gago teng. Mo Skype, o ka fitlhelela seteitemente sa gago sa inthanete ka go tsena mo akhaontong ya gago mo www.skype.com (https://www.skype.com). Se ke sone fela seteitemente sa tuelo se re se tlamelang. Fa re dira phoso mo tuelong ya gago, o tshwanetse go re bolelela malatsi a le 90 fa phoso ya ntlha e sena go tlhaga mo tuelong ya gago. Go tswa foo re tla batlisisa tefiso ka gangwe. Fa o sa re bolelele mo nakong eo, o re golola mo boikarabelong le ditleleimi tsa tatlhegelo e e nnang teng ka ntlha ya phoso eo mme go ka se lebelelwe gore re baakanye phoso kgotsa re go busetse tšhelete, ntle le fa molao o batla ka tsela e sele. Fa Microsoft e lemogile phoso ya tuelo, re tla baakanya phoso eo mo malatsing a le 90. Pholisi e ga e ame ditshwanelo dipe tsa semolao tse di ka dirang.
- f. Pholisi ya go Busediwa Tšhelete. Ntle le fa go tlametswe ka tsela e sele ke molao kgotsa melawana ya Tirelo e e rileng, ditheko tsotlhe ke tsa makgaolakgang mme ga go busiwe tšhelete. Fa o dumela gore Microsoft e go lefisitse ka phoso, o tshwanetse go ikgolaganya le rona mo malatsing a le 90 a tefiso e e ntseng jalo. Ga go na tšhelete e e tla busediwang ditefiso tse di fetang malatsi a le 90, ntle le fa molao o batla ka tsela e sele. Re sala re na le tshwanelo ya go ntsha tšhelete e e busiwang kgotsa dikeretiti go ya fela ka tsela e rona re bonang ka yone ntle le fa molao o batla ka tsela e sele. Fa re ntsha tšhelete e e busiwang kgotsa keretiti, ga re tlamege go ntsha tšhelete e e busiwang e e tshwanang mo isagong. Pholisi e ya go busediwa tšhelete ga e ame ditshwanelo dipe tsa semolao tse di ka dirang. Go bona tshedimosetso go ya pele ka ga go busediwa tšhelete, tsweetswee etela setlhogo sa thuso (https://go.microsoft.com/fwlink/p/?linkid=618283). Fa o nna mo Taiwan kgotsa Israel, tsweetswee ela tlhoko gore go ya ka Molao wa Tshireletso ya Badirisi wa Taiwan le melawana ya one e e maleba, ditheko tsotlhe tse di amanang le diteng tsa dijithale tse di tlamelwang ka mofuta o o sa tshwaregeng le/kgotsa ditirelo tsa mo inthaneteng ke tsa makgaolakgang e bile go ka se busiwe tšhelete fa diteng tse di ntseng jalo kgotsa tirelo e tlamelwa mo inthateneteng. O na le tshwanelo ya go tleleima nako ya tumalano e moreki a ka khanselang konteraka kgotsa go busediwa tšhelete.
- g. Go Khansela Ditirelo. O ka khansela Ditirelo ka nako nngwe le nngwe, o na le lebaka kgotsa le seyo. Go khansela Ditirelo tse di duelelwang go emisa dituediso tsa isago go tsweledisa Tirelo. Go khansela Tirelo le go kopa go busediwa tšhelete, fa o na le tshwanelo ya seo, etela webosaete ya taolo ya akhaonto ya Microsoft. Mo Skype, tsweetswee tlatsa Foromo ya go Ikgogela Morago o dirisa tshedimosetso e e tlamelwang fa (https://go.microsoft.com/fwlink/p/?linkid=618286). O tshwanetse go boela kwa tshitshinyong e e tlhalosang Ditirelo ka gore (i) o ka nna wa se ka wa busediwa tšhelete ka nako ya go khansela; (ii) o ka tlamega go duela ditefiso tsa go khansela; (iii) o ka tlamega go duela ditefiso tsotlhe tse di rometsweng mo akhaontong ya gago ya tuelo e le ya Ditirelo pele ga letlha la go khansela; mme (iv) o ka latlhegelwa ke tiriso ya akhaonto ya gago fa o khansela Ditirelo; kgotsa, fa o nna mo Taiwan kgotsa Israel, (iv) o ka nna wa busediwa tšhelete e e lekanang le dituelo tse di sa dirisiwang tse o di dueletseng Tirelo tse di balelwang ka nako ya go khansela. Fa o nna mo Israel o ka khansela ka epe ya ditsela tse di mo lenaaneng le le mo https://support.microsoft.com/help/4027815. Tsweetswee ikgolaganye le moemedi wa Microsoft ka mogala go busediwa tšhelete fa e le gore o a tshwanelega. Re tla rulaganya Tshedimosetso ya gago jaaka go tlhalositswe fa godimo mo karolo 4. Fa o khansela, phitlhelelo ya gago ya Ditirelo e khutla kwa bokhutlong jwa paka ya gago ya ga jaana ya Tirelo kgotsa, fa re duedisa akhaonto ya gago ka dipaka tse di rileng, kwa bokhutlong jwa paka e o khansetseng ka yone. Fa o simolola pusetsomadi kgotsa pusetsomorago le banka ya gago ka tuelo ya gago ya Ditirelo, re tla tsaya gore o khansetse ka letlha le tuelo ya ntlha e dirilweng ka lone, mme ka yone nako eo o re naya tetla ya go khansela tirelo ya gago le/kgotsa go ganetsa selo sepe se o neng o tlametswe ka sone fa o ne o dira tuelo e e ntseng jalo.
- h. Ditshitshinyo tsa Paka ya Tekeletso. Fa o tsaya karolo mo tshitshinyong ya paka ya tekeletso, o ka nna wa tshwanelwa ke go khansela Tirelo/Ditirelo mo lobakeng lwa nako le o le boleletsweng fa o ne o amogela tshitshinyo gore o tile go duedisediwa go tsweledisa Tirelo/Ditirelo kwa bokhutlong jwa paka ya tekeletso. Mo dikopong dingwe tsa paka ya teko, re ka nna ra tlhoka gore go dirisiwe mokgwa wa go ntšhafatsa ka go itiragalela.
- i. Ditshitshinyo tsa Papatso. Ka dinako dingwe, Microsoft e ka aba Ditirelo tsa mahala ka paka ya tekeletso. Microsoft e sala e na le tshwanelo ya go go lefisetsa Ditirelo tse di ntseng jalo (ka tlhwatlhwa e e tlwaelegileng) fa Microsoft e dira tshwetso (ka tsela e e utlwalang e e bonang ka yone) ya gore o dirisa melawana ya tshitshinyo botlhaswa.
- j. Diphetogo tsa Ditlhwatlhwa. Re ka fetola tlhwatlhwa ya Ditirelo ka nako nngwe le nngwe mme fa o na le theko e e boaboelelelang, re tla go itsise ka imeile, kgotsa ka mokgwa o mongwe o o siameng, bobotlana malatsi a le 15 pele ga tlhwatlhwa e fetoga. Fa o sa dumalane le phetogo ya ditlhwatlhwa, o tshwanetse go khansela le go emisa go dirisa Ditirelo pele ga phetogo ya ditlhwatlhwa e simolola. Fa go na le paka e e tlhomameng le tlhwatlhwa ya tshitshinyo ya Tirelo ya gago, tlhwatlhwa eo e tla nna e dira ka paka e e tlhomameng.
- k. Dituelo Tse di Tlang Kwa go Wena. Fa re go kolota tuelo, o dumalana gore ka nako le ka tsela e e nepagetseng o tla re fa tshedimosetso nngwe le nngwe e re e tlhokang gore re gorose tuelo eo kwa go wena. Go ikaegile ka molao o o dirang, o ikarabelela makgetho le ditefiso tse o ka nnang le tsone ka ntlha ya tuelo e e e tlang kwa go wena. Gape o tshwanetse gore o tsamaisane le maemo a mangwe a re a bayang mo tshwanelong ya gago ya go amogela tuelo. Fa o amogela tuelo ka phoso, re ka busetsa tuelo morago kgotsa ra tlhoka gore e busiwe. O dumalana go dirisana le rona mo maitekong a rona a go dira se. Gape re ka nna ra fokotsa tuelo e e tlang kwa go wena ntle le kitsiso go baakanyetsa tuelo e e fetileng selekanyo mo nakong e e fetileng.
- l. Dikarata tsa Dimpho. Go rekolola le tiriso ya dikarata tsa dimpho (ntle le dikarata tsa dimpho tsa Skype) go laolwa ke Melawana le Maemo a Dikarata tsa Dimpho tsa Microsoft (https://support.microsoft.com/help/10562/microsoft-account-gift-card-terms-and-conditions). Tshedimosetso e e mo dikarateng tsa dimphotsa Skype e teng mo tsebeng ya Thuso ya Skype (https://go.microsoft.com/fwlink/?LinkId=615383).
- m. Mokgwa wa Tuelo wa Akhaonto ya Banka. O ka ikwadisa akhaonto e e tshwanelegang ya banka ka akhaonto ya gago ya Microsoft go e dirisa jaaka mokgwa wa tuelo. Diakhaonto tse di tshwanelegang tsa banka di akaretsa diakhaonto tse di kwa setheong sa tšhelete tse di kgonang go amogela didebiti tse di tlhamaletseng (s.k., setho sa tšhelete se se theilweng kwa United States se se tshegetsang neteweke ya eleketeroniki ya tsenyo ya ditirisano tsa ditšhelete ("ACH"), setheo sa Yuropa sa ditšhelete se se tshegetsang Single Euro Payments Area ("SEPA") kgotsa "iDEAL" kwa Netherlands). Melawana e o e dumetseng fa o tsenya akhaonto ya gago ya banka jaaka mokgwa wa tuelo mo akhaontong ya gago ya Microsoft (s.k., "taelo" mo boemong jwa SEPA) le yone e a dira. O dumela le go netefatsa gore akhaonto ya gago ya banka e e kwadisitsweng e mo leineng la gago kgotsa o filwe tetla ya go kwadisa le go dirisa akhaonto e ya banka jaaka mokgwa wa tuelo. Ka go kwadisa kgotsa go tlhopha akhaonto ya gago ya banka jaaka mokgwa wa gago wa tuelo, o fa Microsoft (kgotsa moemedi wa yone) tetla ya go simolodisa debiti e le nngwe kgotsa go feta ya tšhelete yotlhe ya theko ya gago kgotsa ya botokololo (go tsamaisana le melawana ya tirelo ya gago ya botokololo) mo akhaontong ya gago ya banka (le, fa go tlhokega, go simolodisa keretiti e le nngwe kgotsa tse dintsi mo akhaontong ya gago ya banka go baakanya diphoso, go busa tšhelete kgotsa ka lebaka lengwe le le tshwanang), mme o fa setheo sa tšhelete se se nang le akhaonto ya gago ya banka tetla ya go ntsha didebiti tse di ntseng jalo kgotsa go amogela dikeretiti tse di ntseng jalo. O tlhaloganya gore tetla e e tla nna e dira ka maatla e bile e le mo tiragatsong go fitlha o tlosa tshedimosetso ya gago ya banka mo akhaontong ya gago ya Microsoft. Ikgolaganye le tshegetso ya badirisi jaaka go tlhalosiwa fa godimo mo karolo 4.e ka bonako jo bo kgonegang fa o dumela gore o duedisitswe ka phoso. Melao e e dirang mo nageng ya gago le yone e ka nna ya lekanyetsa boikarabelo jwa gago jwa ditiragatso tsa tsietso, tse di phoso kgotsa tse di sa letlelelwang mo akhaontong ya gago ya banka. Ka go kwadisa kgotsa go tlhopha akhaonto ya banka jaaka mokgwa wa gago wa tuelo, o dumela gore o badile, o a tlhaloganya mme o dumalana le Melawana e.
Kgwebo e e Tsenang mo Konterakeng, Tlhopho ya Molao, le Lefelo la go Rarabolola Dikganetsano
10. Kgwebo e e Tsenang mo Konterakeng, Tlhopho ya Molao, le Lefelo la go Rarabolola Dikganetsano. Gore o dirise Ditirelo tsa mahala kgotsa tse di duelelwang tsa badirisi tsa letshwaikgwebo la Skype, fa o nna kwa ntle ga Yuropa, Botlhabagare le Aforika, o mo kgolaganong, mme ditshupiso tsotlhe tsa "Microsoft" mo Melawaneng eno di kaya Skype Communications S.à.r.l, 23 – 29 Rives de Clausen, L-2165 Luxembourg, kwantle ga fa go bontshitswe ka tsela nngwe fa tlase. Mo Ditirelong tsa mahala kgotsa tse di duelelwang tsa badirisi tsa letshwaokgwebo la Skype, fa o nna kwa ntle ga Yuropa, Botlhabagare le Aforika, molao wa Luxembourg o laola go tlhalosiwa ga Melawana e le ditleleimi tsa go tlolwa ga yone, go sa kgathalesege go thulana ga melaometheo ya molao. Melao ya porofense kgotsa naga e o nnang mo go yone e laola ditleleimi tse dingwe tsotlhe (go akaretsa go sireletsa badirisi, kgaisano e e sa siamang le ditleleimi tsa molato). Fa o nna kwa ntle ga Yuropa, Botlhabagare le Aforika, wena le rona re dumalana ka botlalo le taolo le lefelo la dikgotlatshekelo tsa Luxembourg ka dikganetsano tsotlhe tse di tsogang ka ntlha ya Ditirelo tseno kgotsa dikganetsano tse di amanang le Ditirelo tsa letshwaokgwebo la Skype. Mo Ditirelong tse dingwe tsotlhe, kgwebo e o dirang konteraka le yone, molao o o laolang, le lefelo la go rarabolola dikganetsano di tlhaga fa tlase:
- a. Canada. Fa o nna kwa (kgotsa fa kgwebo, lefelo la gago la konokono la kgwebo le le kwa) Canada, mme o dirisa Ditirelo tse di duelelwang tsa letshwaokgwebo la Skype, kgotsa fa o dirisa dikarolo tsa mahala tsa Microsoft Teams, o mo kgolaganong le Skype Communications US Corporation, 2215-B Renaissance Drive, Las Vegas, NV 89119, United States. Mo ditirelong tse dingwe tsotlhe tsa mahala le tse di duelelwang tsa Ditirelo tsa badirisi, o tsena mo konterakeng le Microsoft Corporation, One Microsoft Way, Redmond, WA 98052, U.S.A. Melao ya porofense e o nnang mo go yone (kgotsa, fa e le kgwebo, lefelo la gago la konokono la kgwebo) e laola tlhaloso ya Melawana eno, ditleleimi tsa go tlolwa ga melawana ya one, le ditleleimi tse dingwe tsotlhe (go akaretsa go sireletsa badirisi, kgaisano e e sa siamang le ditleleimi tsa molato), go sa kgathalesege go thulana ga melaometheo ya molao. Wena le rona re ntsha tumelelo ka botlalo ya taolo le lefelo la dikgotlatshekelo mo Ontario gore dikganetsano tsotlhe tse di tsogang ka ntlha ya Melawana eno kgotsa tse di amanang le yone kgotsa Ditirelo di reediwe kae.
- b. Amerika Bokone kgotsa Borwa kwa ntle ga United States le Canada. Fa o nna mo (kgotsa, fa kgwebo, lefelo la gago la konokono la kgwebo le le mo) Amerika Bokone kgotsa Borwa kwa ntle ga United States le Canada, o tsena mo konterakeng le Microsoft Corporation, One Microsoft Way, Redmond, WA 98052, U.S.A. Molao wa Puso ya Washington o laola tlhaloso ya Melawana eno le ditleleimi tsa go tlolwa ga yone, go sa kgathalesege tlhopho ya melaometheo ya melao. Melao ya naga e re romelang Ditirelo tsa gago kwa go yone e laola ditleleimi tse dingwe tsotlhe (go akaretsa go sireletsa badirisi, kgaisano e e sa siamang, le ditleleimi tsa molato).
- c. Botlhabagare, Aforika kgotsa Yuropa. Fa o nna mo (kgotsa, fa e le kgwebo, lefelo la gago la konokono la kgwebo le le mo) Botlhabagare, Aforika kgotsa Yuropa go sa akarediwe European Union (EU), Iceland, Lichtenstein, Norway, Switzerland, le United Kingdom, mme o dirisa dikarolo tsa mahala tsa Ditirelo (tse di jaaka Bing le MSN) o dira konteraka le Microsoft Corporation, One Microsoft Way, Redmond, WA 98052, U.S.A., mme fa e le gore o dirisa dikarolo tsa mahala tsa Skype, o dira konteraka le Microsoft Ireland Operations Limited, One Microsoft Place, South County Business Park, Leopardstown, Dublin 18, Ireland. Fa e le gore o duetse go dirisa karolo ya Ditirelo, o tsena mo konterakeng le Microsoft Ireland Operations Limited, One Microsoft Place, South County Business Park, Leopardstown, Dublin 18, Ireland. Mo Ditirelong tsa mahala le tse di duelelwang, Melao ya Ireland e laola tlhaloso ya Melawana eno le ditleleimi tsa go tlolwa ga yone, go sa kgathalesege go thulana ga melaometheo ya melao. Melao ya naga e re romelang Ditirelo tsa gago kwa go yone e laola ditleleimi tse dingwe tsotlhe (go akaretsa go sireletsa badirisi, kgaisano e e sa siamang, le ditleleimi tsa molato). Wena le rona re ntsha tumelelo ka botlalo ya taolo le lefelo la dikgotlatshekelo tsa Ireland gore dikganetsano tsotlhe tse di tsogang ka ntlha ya Melawana eno kgotsa tse di amanang le yone kgotsa Ditirelo di reediwe kae.
- d. Asia kgotsa South Pacific, ntle le fa naga ya gago e umakilwe ka tlhamalalo fa tlase. Fa o nna mo (kgotsa, fa e le kgwebo, lefelo la gago la konokono la kgwebo le le kwa) Asia (kwantle ga China, Japane, Repaboliki ya Korea, kgotsa Taiwan) kgotsa South Pacific, mme o dirisa dikarolo tsa mahala tsa Ditirelo (tse di jaaka Bing le MSN), o dira tumalano le Microsoft Corporation, One Microsoft Way, Redmond, WA 98052, U.S.A. Fa o duetse go dirisa bontlhabongwe jwa Ditirelo, kgotsa o dirisa tirelo ya mahala ya Outlook.com kwa Singapore kgotsa Hong Kong, o dira tumalano le Microsoft Regional Sales Pte Ltd., e leng lekgotla le le tlhomilweng go ya ka melao ya Singapore, le aterese ya lone e e kwadisitsweng e leng kwa 182 Cecil Street, #13-01 Frasers Tower, Singapore 069547; fa e le gore, fa o nna mo (kgotsa, fa e le kgwebo, lefelo la gago la konokono la kgwebo le le kwa) Australia, o dira tumalano le Microsoft Pty Ltd, 1 Denison St, North Sydney, NSW 2060, Australia mme fa o nna mo (kgotsa, fa e le kgwebo, lefelo la gago la konokono la kgwebo le le kwa) New Zealand, o dira tumalano le Microsoft New Zealand Limited, Level 5, 22 Viaduct Harbour Avenue, PO Box 8070 Symonds Street, Auckland, 1150 New Zealand. Mo Ditirelong tsa mahala le tse di duelelwang, Molao wa Puso ya Washington o laola go tlhalosiwa ga Melawana e le ditleleimi tsa go tlolwa ga yone, go sa kgathalesege go thulana ga melaometheo ya molao. Melao ya naga e re romelang Ditirelo tsa gago kwa go yone e laola ditleleimi tse dingwe tsotlhe (go akaretsa go sireletsa badirisi, kgaisano e e sa siamang, le ditleleimi tsa molato). Kganetsano nngwe le nngwe e e tsogang ka ntlha ya Melawana eno kgotsa Ditirelo ntle le Skype, go akaretsa potso nngwe le nngwe e e ka ga go nna teng, go nna mo tirisong, kgotsa go khutlisiwa ga yone, e tla romelwa le go rarabololwa kgabagare ka tsereganyo kwa Singapore go ya ka Melao ya Tsereganyo ya Lefelo la Ditšhabatšhaba la Tsereganyo la Singapore (SIAC), melawana e e tsewang e tsentswe ka tshupiso mo polelwaneng eno. Lekgotla le tla nna le motsereganyi a le mongwe yo o tlhomilweng ke Poresidente wa SIAC. Puo ya tsereganyo e tla nna Seesemane. Tshwetso ya motsereganyi e tla nna ya makgaolakgang, e e tlamang, le e e sa ganediweng, mme e ka dirisiwa e le motheo wa katlholo mo nageng nngwe le nngwe kgotsa kgaolo.
- e. Japane. Fa o nna mo (kgotsa, fa kgwebo, lefelo la gago la konokono la kgwebo le le mo) Japane, mme o dirisa dikarolo tsa mahala tsa Ditirelo (tse di jaaka Bing le MSN), o tsena mo konterakeng le Microsoft Corporation, One Microsoft Way, Redmond, WA 98052, U.S.A. Fa o duetse go dirisa karolo ya Ditirelo, o tsena mo konterakeng le Japan Co., Ltd (MSKK), Shinagawa Grand Central Tower, 2-16-3 Konan Minato-ku, Tokyo 108-0075. Mo Ditirelong tsa mahala le tse di duelelwang, melao ya Japane e laola Melawana eno le dikgang dipe tse di tsogang ka ntlha ya yone kgotsa tse di amanang le yone kgotsa Ditirelo. Wena le rona re dumalana ka botlalo le taolo le lefelo la kgaolo la Kgotlatshekelo ya Tokyo ya Kgaolo gore dikganetsano tsotlhe tse di tsogang ka ntlha ya Melawana eno kgotsa tse di amanang le yone kgotsa Ditirelo di reediwe kae.
- f. Repaboliki ya Korea.
- i. Fa o nna mo (kgotsa, fa e le kgwebo, lefelo la gago la konokono la kgwebo le le mo) Repaboliking ya Korea, mme o dirisa dikarolo tsa mahala tsa Ditirelo (tse di jaaka Bing le MSN) o dira konteraka le, Microsoft Corporation, One Microsoft Way, Redmond, WA 98052, U.S.A. Fa o dueletse go dirisa karolo ya Ditirelo, o dira konteraka le Microsoft Korea, Inc., 12th Floor, Tower A, The K-Twin Tower, Jongro 1 gil 50, Jongro-gu, Seoul, Republic of Korea, 03142. Mo ditirelong tsa mahala le tse di duelelwang, melao ya Repaboliki ya Korea e laola Melawana eno le dikgang dipe tse di tsogang ka tsone kgotsa tse di amanang le tsone kgotsa Ditirelo. Wena le rona re dumalana re sa fetoge le katlholo ya konokono e e sa akaretseng dilo tsotlhe le lefelo la Kgotlatshekelo ya Kgaolo ya Seoul Bogareng ka dikgotlhang tsotlhe tse di tswang kgotsa tse di amanang le Melawana eno kgotsa Ditirelo.
- ii. Fa o nna kwa Repaboliking ya Korea, ka molao, o ka tswa o na le ditshwanelo dingwe tse di ka se lekanyediweng ke kgolagano e e jaaka Melawana eno. Melawana eno ga ya direlwa go thibela ditshwanelo tseo kgotsa go thibela melato ya Microsoft e e beilweng ke molao. Re sa itlhokomolose sepe se se kgatlhanong le se se kwadilweng fano, Melawana eno e tla dira go ya bokgakaleng jo bo letlelelwang ke molao. Phetogo epe mo Melawaneng eno (le phetogo epe mo tlhwatlhweng e e tla duedisiwang ya Ditirelo tse di boelelang tsa kwadiso, fa go tshwanela) e tla dirwa tumalanong le dipatlafalo tsa molao.
- g. Taiwan. Fa o nna mo (kgotsa, fa e le kgwebo, lefelo la gago la konokono la kgwebo le le mo) Taiwan, mme o dirisa dikarolo tsa mahala tsa Ditirelo (tse di jaaka Bing le MSN), o dira tumalano le Microsoft Corporation, One Microsoft Way, Redmond, WA 98052, U.S.A. Fa e le gore o duetse go dirisa karolo ya Ditirelo, o dira tumalano le Microsoft Taiwan Corp., 18F, No. 68, Sec. 5, Zhongxiao E. Rd., Xinyi District, Taipei 11065, Taiwan. Mo Ditirelong tsa mahala le tse di duelelwang, melao ya Taiwan e laola Melawana e le dikgang tsotlhe tse di tsogang ka ntlha ya yone kgotsa Ditirelo. Go bona dintlha tse di oketsegileng malebana le Microsoft Taiwan Corp., tsweetswee leba webosaete e e neetsweng ke Tona ya Merero ya Ikonomi R.O.C. (https://gcis.nat.gov.tw/mainNew/). Wena le rona re tlhopha ka botlalo Kgotlatshekelo ya Taipei ya Kgaolo gore dikganetsano tsotlhe tse di tsogang ka ntlha ya Melawana e kgotsa tse di amanang le yone kgotsa Ditirelo di reediwe teng, go ya bokgakaleng jo bo letlelelwang ke melao ya Taiwan.
Melao ya badirisi ya lefelo la gago e ka nna ya tlhoka gore melao mengwe ya lefelo e laole kgotsa e go fe tshwanelo ya go rarabolola dikganetsano kwa foramong e nngwe le fa go na le Melawana eno. Fa go ntse jalo, tlhopho ya molao le dilo tse di letlelwang ke foramo mo karolo 10 di dira fela jaaka melao ya badirisi ya lefelo la gago.
Diwaranti
11. Diwaranti.
- a. MICROSOFT, LE BADIRISANI BA RONA, BAREKISI, BAPHASALATSI, LE BAREKISI, GA RE DIRE DIWARANTI, TSE DI UMAKIWANG KA TLHAMALALO KGOTSA TSE DI SA UMAKIWENG KA TLHAMALALO, DITLHOMAMISO KGOTSA MAEMO MALEBANA LE TIRISO YA GAGO YA DITIRELO. O TLHALOGANYA GORE FA O DIRISA DITIRELO O IKARABELELA KOTSI NNGWE LE NNGWE E E KA NNANG TENG LE GORE RE TLAMELA DITIRELO "JAAKA DI NTSE" "KA DIPHOSO TSOTLHE" LE "FA DI LE TENG." MICROSOFT GA E TLHOMAMISE GO NEPAGALA KGOTSA GO NNA MO NAKONG GA DITIRELO. O KA TSWA O NA LE DITSHWANELO TSE DI RILENG MO MOLAONG WA LEFELO LA GAGO. GA GO NA SEPE MO MELAWANENG E SE MAIKAELELO A SONE E LENG GO AMA DITSHWANELO TSEO, FA DI LE MALEBA. O DUMELA GORE DITHULAGANYO TSA KHOMPHIUTHA LE TLHAELETSANO DI NA LE DIPHOSO LE GORE GO NA LE DINAKO DINGWE TSE DI SA DIRENG. GA RE TLHOMAMAISE GORE TIRELO E KA SE KGORELETSEGE, E TLA NNA MONAKONG, E TLA SIRELETSEGA, KGOTSA E TLA TLHOKA DIPHOSO KGOTSA GORE DITENG DI KA SE LATLHEGE, E BILE GA RE TLHOMAMISE KGOLAGANO KGOTSA PHETISO GO TSWA MO MAFARATLHATLHENG A DIKHOMPHIUTHA.
- b. GO YA KA SE SE LETLELELWANG MO MOLAONG WA LEFELO LA GAGO, GA RE AKARETSE DIWARANTI TSE DI SA UMAKIWENG KA TLHAMALALO, GO AKARETSA TSE DI SIAMETSENG KGWEBO, BOLENG JO BO KGOTSOFATSANG, GO SIAMELA TIRO E E RILENG, MANONTLHOTLHO LE GO SA TLOLE MELAO.
- c. Ya badirisi ba ba nnang mo Australia: Dithoto le ditirelo tsa rona di tla ka ditlhomamiso tse di ka se tlosiweng mo Molaong wa Badirisi wa Australia. Fa tirelo e palelwa thata, o na le tshwanelo ya go:
- khansela konteraka ya gago ya tirelo le rona; le
- busediwa tšhelete ya karolo e e sa dirisiwang, kgotsa go duelelwa ya boleng jwa yone jo bo fokoditsweng.
Gape o na le tshwanelo ya go tlhopha go busediwa tšhelete kgotsa go emisediwa ga go palelwa thata ga dithoto. Fa go palelwa ka dithoto kgotsa ditirelo e se go palelwa thata, o na le tshwanelo ya gore go palelwa go baakanngwe ka nako e e lekanetseng. Fa se se sa dirwe o na le tshwanelo ya busediwa tšhelete ya dithoto kgotsa go khansela konteraka ya tirelo le go busediwa tšhelete ya karolo epe e e sa dirisiwang. Gape o na le tshwanelo ya go duelelwa tatlhegelo kgotsa tshenyegelo e e utlwalang e e bonetsweng pele ya go palelwa ga dithoto kgotsa tirelo.
- d. Badirisi ba ba nnang mo New Zealand, le ka tswa le na le ditshwanelo tsa semolao mo Molaong wa Ditlhomamiso tsa Badirisi wa New Zealand, mme ga go na sepe mo Melawaneng e se maikaelelo a sone e leng go ama ditshwanelo tseo.
Tekanyetso ya Boikarabelo
12. Tekanyetso ya Boikarabelo.
- a. Fa o na le mabaka a go busediwa ditshenyegelo (go akaretsa go tlolwa ga Melawana e), go ya bokgakaleng jo bo letlelelwang ke molao o o maleba, o dumela gore pheko ya gago e le yosi ke go busediwa, ke Microsoft le badirisani ba yone, barekisi gape, baanamisi, Ditiriso tsa Ditlamo tse Dingwe le batlamedi ba Ditirelo, le barekisi, ditshenyegelo ka tlhamalalo go fitlha go tšhelete e e lekanang le o e dueletseng Tirelo mo kgweding e go latlhega kgotsa go tlolwa go diregileng ka yone (kgotsa go fitlha go USD$10.00 fa Ditirelo di le mahala).
- b. Go ya bokgakaleng jo bo letlelelwang ke molao o o maleba, o ka se busediwe (i) ditatlhegelo kgotsa ditshenyegelo tse di bakilweng; (ii) tatlhegelo ya dipoelo tsa mmatota kgotsa tse di solofetsweng (e le ka tlhamalalo kgotsa e se ka tlhamalalo); (iii) tatlhegelo ya lotseno lwa mmatota kgotsa lo lo solofetsweng (e le ka tlhamalalo kgotsa e se ka tlhamalalo); (iv) tatlhegelo ya konteraka kgotsa kgwebo kgotsa ditatlhegelo tse dingwe le ditshenyegelo tse di bakilweng ke tiriso ya gago ya Ditirelo e se wena ka sebele; (v) ditathegelo kgotsa ditshenyegelo tse di kgethegileng, tse e seng tsa ka tlhamalalo, tse di diregang di sa lebelelwa kgotsa tsa kotlhao; le (vi) go ya bokgakaleng jo bo letlelelwang ke molao, ditatlhegelo kgotsa ditshenyegelo tsa ka tlhamalalo tse di fetang ditekanyetso tse di totobaditsweng mo karolo 12.a fa godimo. Ditekanyetso le dilo tse di sa akarediweng le tsone di a dira fa tharabololo eno e sa go busetse ka botlalo se se go latlhegetseng kgotsa e palelwa ke boikaelelo jwa yone kgotsa fa re ne re itse kgotsa re ne re tshwanetse go itse ka kgonagalo ya ditshenyegelo. Go ya bokgakaleng jo bogolo jo bo letlelelwang ke molao, ditekanyetso tse le dilo tse di sa akarediweng di a dira mo go sengwe le sengwe kgotsa ditleleimi dingwe le dingwe tse di amanang le Melawana e, Ditirelo, kgotsa serweboleta se se amanang le Ditirelo tse.
- c. Microsoft ga e ikarabelele go palelwa ke go dira kgotsa tiego ya go diragatsa maikarabelo a yone mo Melawaneng e go ya bokgakaleng jwa gore go palelwa kgotsa tiego e bakwa ke maemo a Microsoft e ka se kgoneng go a laola (a a jaaka dikganetsano tsa badiri, ditiro tsa Modimo, ntwa kgotsa tiro ya borukhutlhi, tshenyo e e maswe, dikotsi kgotsa go tsamaisana le molao mongwe le mongwe o o maleba kgotsa taelo ya puso). Microsoft e tla leka go fokotsa diphelelo tsa nngwe le nngwe ya ditiragalo tse le go diragatsa maikarabelo a a sa amegeng.
Melawana e e Totobetseng go Ditirelo
13. Melawana e e Totobetseng go Ditirelo. Melawana e e tlang pele le morago ga karolo 13 ka kakaretso e dira mo Ditirelong tsotlhe. Karolo e e na le melawana e e totobetseng go ditirelo mo godimo ga melawana ya kakaretso. Melawana e e totobetseng e go ditirelo e laola fa go na le dikgotlhang dingwe le melawana ya kakaretso.
Xbox
- a. Xbox.
- i. Tiriso ya Sebele e e Seng ya Kgwebo. Tirelo ya Xbox ya internet, ("Xbox Network"), metshameko ya Xbox Game Studios (go akaretsa Metshameko ya Mojang) (https://www.xbox.com/xbox-game-studios), di-app, dikwadiso (s.k., tirelo ya ikwadiso ya Xbox Game Pass), ditirelo (s.k., Xbox Cloud Gaming), le diteng tse di newang ke Microsoft (tse fa di kopane di bidiwang "Ditirelo tsa Xbox") ke tsa tiriso ya gago ya botho fela, e seng ya kgwebo.
- ii. Ditirelo tsa Xbox. Fa o ikwadisetsa go amogela Ditirelo tsa Xbox, tshedimosetso ka go tshameka ga gago, ditirwana le tiriso ya gago ya metshameko le Ditirelo tsa Xbox di tla latedisiwa le go abalanwa le ditlamo tse dingwe tse di maleba, go akaretsa batlhami le baphasalatsi ba metshameko, gore Microsoft e tlamele ka Ditirelo tsa Xbox le gore ditlamo tse dingwe di tsamaise metshameko le ditirelo tse e seng tsa Microsoft. Mo godimo ga moo, fa o tsena mo Ditirelong tsa Xbox o dirisa didirisiwa kgotsa dikarolo tsa ditlamo tse dingwe, tshedimosetso e e malebana le go tshameka ga gago, ditirwana tsa gago le tsela e o dirisang metshameko le Ditirelo tsa Xbox ka yone e ka nna ya latedisiwa le go abelanwa ke didirisiwa tseo tsa ditlamo ba bangwe, go ikaegilwe ka melawana le dipholisi tsa sephiri tsa ditlamo tse dingwe. Fa o tsena mo karolong e nngwe kgotsa mo sedirisiweng se sengwe ka akhaonto ya gago ya Microsoft kgotsa o golaganya akhaonto ya gago ya Microsoft le karolo kgotsa sedirisiwa se se ntseng jalo go fitlhelela Tirelo e e seng ya Microsoft (ka sekai, mogatisi wa metshameko wa Ditirelo le Ditirelo tsa Batho ba Bangwe yo e seng wa Microsoft), o dumela gore: (a) Microsoft e ka abalana tshedimosetso e e lekanyeditsweng ya akhaonto le e e amanang le tiriso (go akaretsa kwantle ga go lekanyetsa theke ya motshameki, dintlha tsa motshameki, hisitori ya motshameko, tshedimosetso ya tiriso le lenaane la ditsala), le setlamo seo jaaka go bontshitswe mo Polelwana ya Polokodiphiri ya Microsoft, mme (b) fa diseting tsa gago sa bosephiri tsa Xbox di letla, setlamo seo se ka fitlhelela Diteng tsa Gago mo dipuisanong tsa mo motshamekong kgotsa dithulaganyo tse dingwe tse o di dirisang fa o tsene mo akhaontong ya gago le setlamo seo. Gape, fa diseting tsa gago tsa polokodiphiri tsa Xbox di letla, Microsoft e ka phasalatsa leina la gago, theke ya motshameki, senepe sa motshameki, moono, setshwantsho, manathwana a metshameko le metshameko e o e tshamekileng mo tlhaeletsanong le batho ba o ba letlang. Fa e le gore o dirile gore go nne le diseting tsa Xbox tse di rileng tsa Family Safety, diseting tseo di dira mo didirisiweng tsa Xbox, mo Xbox Cloud Gaming, le mo app ya Xbox mo PC kgotsa mo didirisiweng tsa selula, mme di ka nna tsa se dire mo metshamekong kgotsa mo ditirelong tsa Xbox Game Studios tse di fitlhelelwang kgotsa tse di tshamekiwang mo didirisiweng kgotsa mo dithulaganyong tse dingwe. Go tlhomamisa gore lelapa la gago le nna le boitemogelo jo bo babalesegileng jwa go tshameka, tsweetswee sekaseka diseting tsa batsadi mo didirisiweng tseno tse dingwe le mo dithulaganyong.
- iii. Diteng tsa Gago. Jaaka karolo ya go aga setšhaba sa Ditirelo tsa Xbox, o naya Microsoft, badirisani ba yone le ba ba filweng dilaesense tse dingwe tshwanelo ya mahala le ya lefatshe lotlhe ya go dirisa, go fetola, go dira dikhopi, go anamisa, go gasa, go abelana le go bontsha Diteng tsa Gago kgotsa leina la gago, theke ya motshameki, moono, kgotsa setshwantsho se o se tsentseng mo Ditirelong dingwe le dingwe tsa Xbox.
- iv. Balaodi ba Motshameko. Metshameko mengwe e ka nna ya dirisa balaodi ba motshameko, baemedi, kgotsa batlhokomedi. Balaodi ba metshameko le batlhokomedi ga se babueledi ba ba filweng tetla ba Microsoft. Ga se gore megopolo ya bone e bontsha megopolo ya Microsoft.
- v. Bana le Xbox. Fa o le ngwana o dirisa Ditirelo tsa Xbox, motsadi wa gago kgotsa motlhokomedi a ka nna a nna le taolo ya dikarolo tse dintsi tsa akhaonto ya gago e bile a ka amogela dipego kaga tiriso ya gago ya Ditirelo tsa Xbox. Dikarolo tseno ke tsa Ditirelo tsa Xbox fela mme di ka se ka tsa fetisediwa mo didirisiweng kgotsa kwa dithulaganyong tse dingwe.
- vi. Madi a Motshameko kgotsa Dithoto tsa Maitirelo. Ditirelo tsa Xbox di ka akaretsa madi a maitirelo a motshameko (jaaka gouta, madi a tshipi, kgotsa dintlha) a a ka rekwang mo Microsoft kgotsa mo boemong jwa yone go dirisiwa madi a mmatota fa o fitlhile mo dingwageng tsa go "gola sentle" mo o nnang teng. Gape Ditirelo tsa Xbox di ka akaretsa dilwana kgotsa dithoto tsa dijithale tsa maitirelo tse di ka rekwang mo Microsoft kgotsa mo boemong jwa yone go dirisiwa madi a mmatota kgotsa go dirisiwa madi a motshameko. Madi a motshameko le dithoto tsa maitirelo di ka se rekololwe go bona madi a mmatota, dithoto kgotsa dilwana tsa boleng jwa madi go tswa go Microsoft kgotsa setlamo se sengwe. Ntle le laesense e e lekanyeditsweng, ya sebele, e e ka phimolwang, e e sa fetisiweng, e e sa ntshediweng dilaesense tse dingwe ya go dirisa madi a motshameko le dithoto tsa maitirelo mo Ditirelong tsa Xbox fela, ga o na tshwanelo mo mading a a ntseng jalo a motshameko kgotsa mo dithotong tsa maitirelo tse di tlhagang kgotsa tse di simolotseng mo Ditirelong tsa Xbox, kgotsa matshwao a mangwe a a amanang le tiriso ya Ditirelo kgotsa a a bolokilweng mo Ditirelong tsa Xbox. Ka nako nngwe le nngwe Microsoft e ka tlhokomela, ya laola, ya fetola le/kgotsa ya tlosa ledi la motshameko le/kgotsa dithoto tse di bonwang tse di amanang le motshameko o le mongwe kgotsa go feta wa Xbox kgotsa di-app jaaka e bona go tshwanela ka kelotlhoko ya bone go ya bokgakaleng jo bo letlwang ke melao ya selegae.
- vii. Ditlhabololo tsa Dirweboleta. Sediriswa sengwe le sengwe se se ka gokaganang le Ditirelo tsa Xbox, re ka tlhola serweboleta sa khonsoule sa mofuta wa Xbox ya gago kgotsa swereboleta sa tiriso ya Xbox le go laisolola khonsoule ya Xbox kgotsa ditlhabololo tsa serweboleta sa tiriso ya Xbox kgotsa diphetogo tsa thulaganyo, go akaretsa tse di go thibelang go fitlhelela Ditirelo tsa Xbox, go dirisa metshameko e e sa letlelelwang ya Xbox kgotsa ditiriso tsa Xbox, kgotsa go dirisa didiriswa tsa seeleketeroniki tsa dirwethata tse di sa letlelelwang tse di nang le khonsoule ya Xbox.
- viii. Serweboleta sa Tsietso le sa Kgoreletso. Sediriswa sengwe le sengwe se se ka gokaganang le Ditirelo tsa Xbox, re ka tlhola sediriswa sa gago go tlhola serwethata se se sa letlelelwang kgotsa swereboleta se se letlelelang tsietso kgotsa kgoreletso go tlola melawana ya Boitshwaro kgotsa Melawana e, le go laisolola ditlhabololo tsa serweboleta kgotsa diphetogo tsa thulaganyo, go akaretsa tse di go thibelang go fitlhelela Ditirelo tsa Xbox kgotsa go dirisa metshameko e e sa letlelelwang ya Xbox kgotsa serweboleta se se letlelelang tsietso kgotsa kgoreletso.
- ix. Melawana le Dipeelo tse di Oketsegileng tsa Ikwadiso. Dikwadiso tsa Ditirelo tsa Xbox di laolwa ke melawana le dipeelo tse di oketsegileng tse di tlhalosiwang mo Melawana le Dipeelo tse di Oketsegileng tsa Ikwadiso | Xbox (https://www.xbox.com/legal/subscription-terms).
- x. Dikwadiso tse di sa Direng tsa Ditirelo tsa Xbox. Microsoft e ka tlosa dituelo tsa gago tse di boelelang le go emisa dituediso tse di boelelang mo dinageng tse di tlhophilweng fa o sa dirise kwadiso ya gago ya Ditirelo tsa Xbox ka lobaka lo lo rileng. Microsoft e tla go itsise pele e tlosa dituelo tse di boelelang. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, go akaretsa lobaka lo lo maleba lwa go sa dire, bona FAQ ya go sa dire ga ikwadiso | Tshegetso ya Xbox (https://support.xbox.com/en-GB/help/subscriptions-billing/manage-subscriptions/xbox-subscription-inactivity-policy).
- xi. Ditumalano tse dingwe tsa laesense ya modirisi wa bofelo le melawana ya maitsholo. Ditirelo dingwe tsa Xbox di ka nna le melawana ya tsone ya tiriso le melawana ya maitsholo.
Store
- b. Lebenkele. "Lebenkele" ke Tirelo e e go letlang go batla, go laisolola, go reka, le go reita le go sekaseka ditiriso (lefoko “tiriso” le akaretsa metshameko) le diteng tse dingwe tsa dijithale. Melawana e e akaretsa tiriso ya Mabenkele a a rileng a Microsoft kgotsa a a laolwang ke yone kgotsa badirisani ba yone (go akaretsa, mme e seng go lekanyediwa go, Office Store, Microsoft Store mo Windows le Microsoft Store mo Xbox). “Lebenkele la Office” e raya Lebenkele la dikuno tsa Office le ditiriso tsa Office, Microsoft 365, SharePoint, Exchange, Access le Project (mefuta ya 2013 kgotsa moragonyana), kgotsa boitemogelo bope jo bongwe jo bo nang le letshwaokgwebo la Lebenkele la Office. “Microsoft Store mo Windows” e raya Lebenkele, la Microsoft kgotsa le le laolwang ke yone kgotsa badirisani ba yone, la didiriswa tse di jaaka founu, PC le sekirinikwalelo, kgotsa boitemogelo bope jo bongwe jo bo nang le letshwaokgwebo la Microsoft Store jo bo fitlhelesegang mo didirisweng tsa Windows tse di jaaka founu, PC, kgotsa sekirinikwalelo. “Microsoft Store mo Xbox” e raya Store se e leng sa Microsoft le se se laolwang ke yone kgotsa badirisani ba yone la dikhonsoule tsa Xbox, kgotsa boitemogelo bope jo bongwe jo bo nang le letshwaokgwebo la Microsoft Store jo bo leng teng mo khonsouleng ya Xbox.
- i. Melawana ya Laesense. Re tla itse gore mophasalatsi wa tiriso nngwe le nngwe e e leng teng mo Lebenkeleng le le maleba ke mang. Ntle le fa tiriso e tlametswe le melawana ya laesense e e farologaneng, Melawana e e Tlwaelegileng ya Laesense ya Tiriso (""SALT"") kwa bokhutlong jwa Melawana e ke tumalano fa gare ga gago le mophasalatsi wa tiriso e e tlhalosang melawana ya laesense e e dirang mo tirisong ya gago ya tiriso e o e laisololang o dirisa Lebenkele lengwe le lengwe la Microsoft kgotsa le le laolwang ke yone kgotsa badirisani ba yone (kwantle ga Office Store). Go tlhalosa sentle, Melawana e e akaretsa tiriso ya, le ditirelo tse di tlamelwang ke, Ditirelo tsa Microsoft. Karolo 5 ya Melawana e gape e dira mo Ditirisong tsa Ditlamo tse Dingwe le Ditirelo tse di rekwang kwa Lebenkeleng. Ditiriso tse di laisolotsweng mo Office Store ga di laolwe ke SALT mme di na le melawana ya laesense e e farologaneng e e dirang.
- ii. Ditlhabololo. Microsoft e tla tlhola ditlhabololo ka itiriso le go di laisololela mo ditirisong tsa gago, le fa o sa tsena mo Lebenkeleng le le maleba. O ka fetola dithulaganyo tsa gago tsa Lebenkele kgotsa tsa tsamaiso fa o sa batle go amogela ditlhabololo tsa itiriso tsa ditiriso tsa Lebenkele. Le fa go le jalo, ditiriso tse di rileng tsa Office Store tse di tlhokometsweng ka botlalo kgotsa karolo ya tsone mo inthaneteng di ka tlhabololwa nako nngwe le nngwe ke motlhami wa tiriso mme a ka nna a se ka a tlhoka tetla ya gago go di tlhabolola.
- iii. Direiting le Ditshekatsheko. Fa o reita kgotsa o sekaseka tiriso kgotsa Thoto e nngwe ya Dijithale mo Lebenkeleng, o ka nna wa amogela imeile e e tswang go Microsoft e e nang le diteng tse di tswang go mophasalatsi wa tiriso kgotsa Thoto ya Dijithale. Imeile nngwe le nngwe e e ntseng jalo e tswa go Microsoft; ga re abelane aterese ya gago ya imeile le baphasalatsi ba ditiriso kgotsa Dithoto tse dingwe tsa Dijithale tse o di rekang kwa Lebenkeleng.
- iv. Tlhagiso ya Pabalesego. Go tila go gobala go go ka diregang, go kokonelwa kgotsa botlhoko mo leitlhong, o tshwanetse go itapolosa nako le nako mo tirisong ya metshameko kgotsa ditiriso tse dingwe, segolo jang fa o utlwa setlhabi kgotsa o na le letsapa le le bakwang ke tiriso. Fa o itemogela go kokonelwa, itapolose. Go kokonelwa go ka akaretsa maikutlo a go feroga sebete, sedidi se se bakiwang ke go tsamaya ka koloi, go tsewa ke sedidi, go tlhakana tlhogo, go opiwa ke tlhogo, letsapa, botlhoko jwa matlho, kgotsa matlho a a omileng. Go dirisa ditiriso go ka go itaya tsebe le go thiba tikologo ya gago. Tila dilo tse di ka dirang gore o kgotšwe, ditepisi, disiling tse di kwa tlase, dilwana tse di thubegang kgotsa tse di tlhwatlhwakgolo tse di ka senyegang. Diperesente tse dinnye tsa batho ba ka nna ba ngatega fa ba leba dinepe tse di rileng tse di jaaka mabone a a phatsimang thata kgotsa dipopego tse di ka tlhagang mo ditirisong. Le batho ba ba se nang hisetori ya go ngatega ba ka tswa ba na le bolwetse jo bo iseng bo dupiwe jo bo ka bakang go ngatega. Ditshupo di ka akaretsa go tsibikela, go sa bone sentle, go tlolatlola ga leitlho, go roroma ga mabogo le maoto, go tlhakana tlhogo, go idibala, kgotsa go ngatega. Ka gangwe emisa go dirisa mme o ye go bona ngaka fa o itemogela dingwe tsa ditshupo tse, kgotsa o ye go bona ngaka pele ga o simolola go dirisa ditiriso tse fa o kile wa nna le ditshupo tse di amanang le go ngatega. Batsadi ba tshwanetse go baya bana ba bone leitlho fa ba dirisa ditiriso gore ba bone ditshupo.
Dikarolo tsa Lelapa tsa Microsoft
- c. Dikarolo tsa Lelapa tsa Microsoft. Batsadi le bana ba ka dirisa dikarolo tsa lelapa la Microsoft, go akaretsa Microsoft Family Safety, go aga go tshepana go motheo wa gone e leng go tlhaloganya gore ke maitshwaro afe, diwebosaete, ditiriso, metshameko, mafelo, le tiriso ya tšhelete e e siametseng lelapa. Batsadi ba ka tlhama lelapa ka go ya go https://account.microsoft.com/family (kgotsa ka go latela ditaelo mo sediriweng sa bone sa Windows kgotsa khonsoule ya Xbox) le go laletsa bana kgotsa batsadi gore ba nne maloko. Go na le ditiriso tse dintsi tse maloko a lelapa a ka di dirisang, ka jalo tsweetswee sekaseka tshedimosetso e e tlametsweng ka kelotlhoko fa o dumalana go tlhama kgotsa go nna leloko la lelapa le fa o reka Dithoto tsa Dijithale gore lelapa le di fitlhelele. Ka go tlhama kgotsa go nna leloko la lelapa, o dumela go dirisa lelapa go tsamaisana le boikaelelo jwa yone mme o ka se e dirise ka tsela e e sa letlelelwang gore o fitlhelele tshedimosetso ya motho yo mongwe ka tsela e e seng kafa molaong. Dikarolo tsa Microsoft Family ke tsa Ditirelo tsa Microsoft fela mme ga di ka ke tsa fetisediwa kwa dithulaganyong tse dingwe. Ka sekai, diseting tsa Xbox tse di kgethegileng tsa Family Safety di dira mo didirisiweng tsa Xbox, mo Xbox Cloud Gaming le mo app ya Xbox mo PC kgotsa mo didirisiweng tsa selula, mme di ka nna tsa se ka tsa dira mo metshamekong ya Xbox Game Studios kgotsa mo ditirelong tse di fitlhelelwang le tse di tshamekiwang mo didirisiweng tse dingwe kgotsa mo dithulaganyong tse dingwe. Go tlhomamisa gore lelapa la gago le nna le boitemogelo jo bo babalesegileng jwa go tshameka, tsweetswee sekaseka diseting tsa batsadi mo didirisiweng le mo dithulaganyong tseno.
Go Romelela Setlhopha Melaetsa
- d. Go Romelela Setlhopha Melaetsa. Ditirelo tse di farologaneng tsa Microsoft di go letla go romelela ba bangwe melaetsa ka lentswe kgotsa ka SMS ("melaetsa"), le/kgotsa go letlelela Microsoft le badirisani ba ba laolwang ke Microsoft go romela melaetsa kwa go wena le kwa modirising kgotsa badirisi ba bangwe mo boemong jwa gago. FA O LAELA MICROSOFT LE BADIRISANI BA BA LAOLWANG KE MICROSOFT GO ROMELA MELAETSA E E NTSENG JALO KWA GO WENA KGOTSA KWA GO BA BANGWE, O DUMELA LE GO RE TLHOMAMISETSA GORE WENA LE MOTHO MONGWE LE MONGWE YO O RE LAETSENG GO MO ROMELELA MOLAETSA LE DUMELA GO AMOGELA MELAETSA E E NTSENG JALO LE MELAETSA E MENGWE YA MAFOKO YA TSAMAISO E E AMANANG LE YONE GO TSWA GO BADIRISANI BA BA LAOLWANG KE MICROSOFT. "Melaetsa ya mafoko ya tsamaiso" ke melaetsa ya dipaka tse di rileng ya tirisano go tswa go tirelo e e rileng ya Microsoft, e e akaretsang mme e sa lekanyediwa go "molaetsa wa kamogelo" kgotsa ditaelo tsa ka fa o ka emisang ka teng go amogela melaetsa. Wena kgotsa maloko a setlhopha a a sa tlholeng a batla go amogela melaetsa e e ntseng jalo le ka tlhopha go tswa mo go amogeleng melaetsa go ya pele go tswa go Microsoft kgotsa badirisani ba ba laolwang ke Microsoft ka nako nngwe le nngwe ka go latela ditaelo tse di tlametsweng. Fa o sa tlhole o batla go amogela melaetsa e e ntseng jalo kgotsa go tsaya karolo mo setlhopheng, o dumela gore ga o kitla o tlhopha go dirisa ditaelo tse di tlametsweng ke porokeramo e e maleba kgotsa tirelo. Fa o na le lebaka la go dumela gore leloko la setlhopha ga le tlhole le batla go amogela melaetsa e e ntseng jalo kgotsa go tsaya karolo mo setlhopheng, o dumela go ba ntsha mo setlhopheng. Gape o dumela le go re tlhomamisetsa gore wena le motho mongwe le mongwe yo o re laetseng go mo romelela molaetsa le tlhaloganya gore leloko lengwe le lengwe la setlhopha le ikarabelela ditshenyegelo tsa dituelo tsa molaetsa mongwe le mongwe o o tlhatlhobilweng ke setlamo se se fetisang melaetsa ya gagwe ya mmobaele, go akaretsa ditefiso dingwe le dingwe tsa melaetsa e e tswang kwa dinageng di sele tse di ka dirang fa melaetsa e fetisiwa go tswa go dinomoro tsa US.
Skype, Microsoft Teams, le GroupMe
- e. Skype, Microsoft Teams, le GroupMe.
- i. Ditirelo tsa Maemo a Tshoganyetso. Go na le dipharologano tsa botlhokwa fa gare ga ditirelo tse di tlwaelegileng tsa mogala wa letheka kgotsa tsa founu le tsa Skype, Microsoft Teams, le GroupMe. Microsoft e na le maikarabelo a a lekanyeditsweng kafa tlase ga melao, melawana kgotsa molao o o maleba wa selegae kgotsa wa naga go naya phitlhelelo ya ditirelo tsa maemo a tshoganyetso, jaaka mogala wa maemo a tshoganyetso wa 911 kgotsa 112 ("Ditirelo tsa Tshoganyetso") ka Skype, Microsoft Teams, le GroupMe. Ke mefuta e e lekanyeditsweng fela ya dirweboletsa tsa karolo ya Skype ya Skype to Phone tse di ka tshegetsang megala ya Ditirelo tsa Tshoganyetso mo dinageng di le mmalwa thata, go ikaegile ka polatefomo e e dirisiwang. O ka bona dintlha ka go nna teng le tsela ya go dirisa karolo eno fano: https://www.skype.com/go/emergency. Fa Skype to Phone ya mogala wa gago wa maemo a tshoganyetso e gokagane, o tla tlhoka go naya dintlha tsa lefelo la gago go kgontsha ba ditirelo tsa maemo a tshoganyetso go go araba.
- ii. Di-API kgotsa Kgaso. Fa o batla go dirisa serweboleta sa Skype le dikumo tsa sone kgolaganong le kgaso epe, o tshwanetse go tsamaisana le "TOS ya Kgaso" mo https://www.skype.com/go/legal.broadcast. Fa o batla go dirisa tiriso epe ya pontsho ya lenaneo ("API") e e nnileng teng ka Skype o tshwanetse go tsamaisana le melawana e e maleba ya laesense, e e mo www.skype.com/go/legal.
- iii. Dipholisi tsa Tiriso e e Siameng. Dipholisi tsa tiriso e e siameng di ka dira mo tirisong ya gago ya serweboleta le dikuno tsa Skype. Tsweetswee sekaseka dipholisi tseno tse di tlhametsweng go sireletsa kgatlhanong le tsietso kgotsa tiriso e e sa siamang le e e ka dirang gore go nne le ditekanyetso mo mofuteng, nako kgotsa palo ya megala kgotsa melaetsa e o ka kgonang go e romela. Dipholisi tseno di tsentswe mo Melawaneng eno ka tshupetso. O ka fitlhela dipholisi tseno mo https://www.skype.com/go/terms.fairusage/.
- iv. Tiriso ya Sebele/E e Seng ya Kgwebo. Go dirisa software ya Skype le dikuno tsa yone ke go di dirisetsa wena ka bowena e seng go dira kgwebo. O letlelelwa go dirisa Skype kwa tirong gore o dire ditlhaeletsano tsa gago tsa kgwebo.
- v. Nomoro ya Skype/Skype To Go. Fa Microsoft e go fa Nomoro ya Skype kgotsa Nomoro ya Skype To Go, o dumela gore nomoro eo ga se ya gago kgotsa ga o na tshwanelo ya go tsholela nomoro eo ruri. Mo dinageng dingwe, mogwebisani wa Microsoft e seng Microsoft a ka go fa nomoro nomoro, mme o ka nna wa tshwanelwa ke go tsena mo tumalanong e e kwa thoko le mogwebisani yoo. Go bona dintlha tse di oketsegileng ka Nomoro ya Skype bona https://go.skype.com/home.skype-number.
- vi. Molaodi wa Skype. "Akhaonto ya Molaodi wa Skype wa Tsamaiso" e tlhamiwa le go laolwa ke wena, o dira jaaka motsamaisi yo o ikemetseng wa setlhopha sa Molaodi wa Skype mme e seng jaaka kgwebo. O ka gokaganya akhaonto ya gago ya sebele ya Microsoft le setlhopha sa Molaodi wa Skype ("Akhaonto e e Gokagantsweng"). O ka tlhoma batsamaisi ba bangwe mo setlhopheng sa gago sa Molaodi wa Skype go ikaegile ka go amogela ga bone Melawana eno. Fa o abela Akhaonto e e Gokagantsweng Dinomoro tsa Skype, o ikarabelela go tsamaisana le ditlhokego tse di amanang le bonna kgotsa lefelo la badirisi ba Akhaonto ya gago e e Gokagantsweng. Fa o tlhopha go ntsha Akhaonto e e Gokagantsweng mo kgokaganong mo setlhopheng sa Molaodi wa Skype, botokololo jo bo abilweng, o ka se tlhole o kgona go fitlhelela Kerediti ya Skype kgotsa Dinomoro tsa Skype e bile o ka se tlhole o kgona go fitlhelela Diteng tsa Gago kgotsa dimatheriale tse di amanang le akhaonto e e sa gokaganngwang. O dumalana go tsamaisa tshedimosetso ya sebele ya badirisi ba Akhaonto e e Gokagantsweng go tsamaisana le melao yotlhe e e maleba ya tshireletso ya tshedimosetso. Molaodi wa gago wa Skype a ka nna a emisiwa ka nakwana fa maloko a setlhopha a palelwa ke go ikobela Melawana ya Maitsholo e e mo MSA eno.
- vii. Ditefiso tsa Skype. Ditlhwatlhwa tsotlhe tsa dikuno tse di duelelwang tsa Skype di a akarediwa mo makgethong otlhe a a maleba, ntle le fa go tlhalositswe ka tsela e sele. Ditefiso tse di duelelwang megala e e letsang kafa ntle ga botokololo ke tuelo ya go golaganya (tse di lefisiwang gangwe fela mogala mongwe le mongwe) le ka tlhwatlhwa ya motsotso jaaka go tlhalosiwa mo www.skype.com/go/allrates. Ditefiso tsa go letsa mogala di tla gogiwa mo balanseng ya gago ya Keretiti ya Skype. Microsoft e ka nna ya fetola ditlhwatlhwa tsa go letsa mogala ka nako nngwe le nngwe ka go bapatsa phetogo e e ntseng jalo mo www.skype.com/go/allrates. Tlhwatlhwa e ntšhwa e tla dira fa o letsa mogala mo lekgetlhong le le latelang morago ga phasalatso ya ditlhwatlhwa tse dišwa. Tsweetswee tlhola ditlhwatlhwa tsa sešweng pele ga o letsa mogala. Dikarolwana tsa metsotso ya mogala le dikarolwana tsa ditefiso di tla dirwa gore e nne palo e e feletseng. Mo dinageng dingwe, dikuno tse di duelelwang tsa Skype di tlamelwa ke mogwebisani wa Microsoft wa lefelo la gago mme melawana ya tiriso ya mogwebisani e tla dira mo ditirisanong tse di ntseng jalo. Go sa kgathalesege kgang e e umakilweng fa godimo, o ka tshwanelegela, kafa tlase ga molao o o dirang, go busediwa tšhelete, fa o kopa, ya madi ape a a saletseng morago a kwadiso e e duelwang pele fa o fetolela Nomoro ya gago ya Skype go motlamedi yo mongwe.
- viii. Keretiti ya Skype. Microsoft ga e tlhomamise gore o tla kgona go dirisa balanse ya gago ya Keretiti ya Skype go reka dikuno tsotlhe tse di duelelwang tsa Skype, gonne dikuno tse di duelelwang di ka fetoga nako nngwe le nngwe. Fa o sa dirise Keretiti ya Skype ka lobaka lwa malatsi a le 180, Microsoft e tla baya Keretiti ya gago ya Skype mo seemong sa gore ga e dire. O ka tsosolosa Keretiti ya Skype ka go latela kgokagano ya tsoloso mo https://www.skype.com/go/store.reactivate.credit. Fa o le kwa Japane mme o reka Keretiti ya Skype mo webosaeteng ya Skype, dipolelo tse pedi tse di fetileng ga di dire mo go wena mme Keretiti ya gago ya Skype e tla felelwa ke nako mo malatsing a le 180 morago ga letlha la theko. Fa keretiti ya gago e felelwa ke nako, o ka se tlhole o kgona go e tsosolosa kgotsa go e dirisa. Fa akhaonto ya gago ya Microsoft e tswetswe, ka lebaka lengwe le lengwe, Kerediti epe e e sa dirisiwang ya Skype e e amanang le akhaontoya gago ya Microsoft e tla latlhega mme e ka se busediwe. Dikerediti tsa Skype di ka se fetisediwe kwa bathong ba bangwe.
- ix. Phete ya go Letsa ya Skype. O ka dirisa Phete ya go Letsa ya Skype ka peeletso e e dirang kgotsa Dikerediti tsa Skype morago ga go fela ga di-app tsa Skype tsa desktop le tsa selula. Phete ya go Letsa ya Skype ke sediriswa sa Skype se o ka se fitlhelelang mo Microsoft Teams kgotsa mo webosaeteng.
- x. Dituelo tsa Melaetsa ya Ditšhabatšhaba. Ga jaana GroupMe e dirisa dinomoro tse di theilweng kwa US tsa setlhopha sengwe le sengwe se se tlhamiwang. Molaetsa mongwe le mongwe wa mafoko o o romelwang kgotsa o o amogelwang go tswa mo nomorong ya GroupMe o tla balelwa jaaka molaetsa wa mafoko wa ditšhabatšhaba o o romelwang kwa United States kgotsa o o amogelwang go tswa teng. Go ikaegile ka lefelo la gago, Microsoft Teams e ka dirisa nomoro ya mogala e e ka nnang molaetsa wa ditšhabatšhaba. Tsweetswee tlhola ditlhwatlhwa tse di amanang tsa ditšhabatšhaba kwa motlameding wa gago.
- xi. SMS ya Microsoft Teams. Microsoft Teams e ka dirisa dinomoro tsa kwa Australia tse di neelwang ke Belgacom International Carrier Services SA. mme lefelo la bone ka konokono la kgwebo le kwa Boulevard du Roi Albert II, 27 1030, Bruxelles Belgium ("BICS"), ka melaetsa e e romelwang go baamogedi ba dinomoro tsa kwa Australia. Microsoft le dikarolo tsa yone ga ba amane le BICS.
Bing le MSN
- f. Bing le MSN.
- i. Bing le Dimateriale tsa MSN. Ditlhogo, mokwalo, dinepe, dimmapa, dibidio, ditshameki tsa dibidio le dilo tsa ditlamo tse bangwe tse di leng gone mo Bing le mo MSN, go akaretsa le ka Microsoft bots, di-app le dithulaganyo, ke tsa go di dirisa ka namana e seng tsa kgwebo fela. Ditiriso tse dingwe, tse di akaretsang go laisolola, go dira khopi kgotsa go anamisa dimatheriale tseno gape, kgotsa go dirisa dimatheriale kgotsa dikuno tseno go dira dikuno tsa gago, di letlelelwa fela go ya bokgakaleng jo bo letleletsweng ka totobalo ke Microsoft kgotsa beng ba ditshwanelo, kgotsa jo bo letleletsweng ke molao wa tetlokhopi o o maleba. Microsoft kgotsa beng ba bangwe ba ditshwanelo ba sala ba na le ditshwanelo tsotlhe tsa matheriale tse di sa abiwang ke Microsoft mo melawaneng ya laesense, e ka tswa e se ka tlhamalalo, ka nnete kgotsa ka ditsela di sele.
- ii. Dimmapa tsa Bing. O ka se dirise ditshwantsho tse di tseetsweng kgakajana tsa Amerika, Canada, Mexico, New Zealand, Australia kgotsa Japane o di dirisetsa puso ntle le tetla ya rona e e kwadilweng e e kwa thoko.
- iii. Mafelo a Bing. Fa o tlamela ka Tshedimosetso ya gago kgotsa ka Diteng tsa Gago go Mafelo a Bing, o fa Microsoft mo lefatsheng ka bophara, laesense e e se nang dikatso ya go dirisa, go dira dilo gape, go boloka, go fetola, go kopanya, go bapatsa, go fetisa le go anamisa Tshedimosetso ya gago le Diteng tsa gago (go akaretsa ditshwanelo tsa dithoto tse di tlhaloganngwang mo Tshedimosetsong ya gago le mo Diteng tsa gago), le go ntshetsa ditlamo tse dingwe laesense ya ditshwanelo dingwe kgotsa tsotlhe tse di fetileng.
Cortana
- g. Cortana.
- i. Tiriso ya Sebele e e Seng ya Kgwebo. Cortana ke Tirelo ya Microsoft ya thuso. Ditiriso, ditirelo le diteng tse di tlamelwang ke Cortana (ka kakaretso "Ditirelo Tsa Cortana") ke tsa tiriso ya gago ya sebele e e seng ya kgwebo fela.
- ii. Tiro le Diteng. Cortana e naya ditiriso tse di farologaneng, mme dingwe tsa tsone di dirilwe tsa sebele. Ditirelo tsa Cortana di ka go letla go fitlhelela ditirelo, tshedimosetso kgotsa tiro tse di tlamelwang ke Ditirelo tse dingwe tsa Microsoft kgotsa Ditiriso le Ditirelo tsa Ditlamo Tse Dingwe. Melawana e e totobetseng go ditirelo ya karolo 13 gape e dira mo tirisong ya gago ya Ditirelo tsa Microsoft tse di maleba ka Ditirelo tsa Cortana. Cortana e tlamela ka tshedimosetso ya gore o dire dithulaganyo fela mme o tshwanetse go itirela ditshwetso ka bowena fa o sekaseka le go ikaega ka tshedimosetso e. Microsoft ga e tlhomamise go ikanngwa, go nna teng kgotsa go nna mo nakong ga ditshwetso le maitemogelo a sebele a a tlamelwang ke Cortana. Microsoft ga e ikarabelele fa karolo ya taolo ya tlhaeletsano ya Cortana e diega kgotsa e go thibela go amogela, go sekaseka kgotsa go romela tlhaeletsano kgotsa kitsiso, kgotsa go bona tirelo.
- iii. Ditiriso le Ditirelo tsa Ditlamo Tse Dingwe. Jaaka karolo ya go tlisa Ditirelo tsa Cortana, Cortana e ka tshitshinya le go go thusa go dirisana le Ditiriso tsa Ditlamo Tse Dingwe le Ditirelo (bokgoni jwa ditlamo tse dingwe kgotsa ditirelo tse di golaganeng). Fa o tlhopha, Cortana e ka refosanya tshedimosetso le Ditiriso le Ditirelo tsa Ditlamo Tse Dingwe, tse di jaaka khoutu ya gago ya zip le dipotso le dikarabo tse di busitsweng ke Ditiriso le Ditirelo tsa Ditlamo Tse Dingwe, go go thusa go bona ditirelo tse di kopilweng. Cortana e ka go kgontsha go reka ka Ditiriso le Ditirelo tsa Ditlamo Tse Dingwe, o dirisa diitlhophelo tsa akhaonto le dithulaganyo tse o di tlhomileng ka tlhamalalo le Ditiriso le Ditirelo tsa Ditlamo Tse Dingwe. O ka gokaganyolola Tirelo ya gago ya Cortana mo Ditirisong le Ditirelo tsa Ditlamo Tse Dingwe nako nngwe le nngwe. Tiriso ya gago ya Ditirelo tsa Cortana go gokaganya le Ditiriso le Ditirelo tsa Ditlamo Tse Dingwe e ikaegile ka karolo 5 ya Melawana e. Baphasalatsi ba Ditirelo tsa Ditlamo Tse Dingwe le Ditirelo ba ka nna ba fetola kgotsa ba emisa tiro kgotsa ditiriso tsa Ditiriso tsa Ditlamo Tse Dingwe le Ditirelo kgotsa kopanyo le Ditirelo tsa Cortana. Microsoft ga e ikarabelele dirweboleta kgotsa ditaelo tsa dikhomphiutha tse di tlametsweng ke badiri.
- iv. Didiriswa tse di Kgontsheditsweng Cortana. Didiriswa tse di kgontsheditsweng Cortana ke dikuno kgotsa didiriswa tse di kgontsheditsweng go fitlhelela Ditirelo tsa Cortana, kgotsa dikuno kgotsa didiriswa tse di tsamaelanang le Ditirelo tsa Cortana. Didiriswa tse di kgontsheditsweng Cortana di akaretsa didiriswa tsa ditlamo tse dingwe kgotsa dikuno tse e seng tsa Microsoft, tse e sa di dirang, kgotsa go di tlhama. Microsoft ga e ikarabelele didiriswa tse tsa ditlamo tse dingwe kgotsa dikuno.
- v. Ditlhabololo tsa Dirweboleta. Re ka tlhola ka itiriso mofuta wa gago wa serweboleta sa Ditirelo tsa Cortana le go laisolola ditlhabololo tsa serweboleta kgotsa phetogo ya thulaganyo kgotsa go batla gore badiri ba didiriswa tse di kgontsheditsweng Cortana ba dire gore dirweboleta tsa Ditirelo tsa Cortana di nne di tlhabolotswe.
Di-app tsa Microsoft 365 le Ditirelo
- h. Di-app tsa Microsoft 365 le Ditirelo.
- i. Melawana ya Tiriso. Microsoft 365 Family, Microsoft 365 Personal, Microsoft 365 Basic, Sway, OneNote.com le app epe e nngwe ya Microsoft 365 kgotsa Tirelo kgotsa Ditirelo tse di theilweng mo Office ke tsa tiriso ya gago ya sebele, e e seng ya kgwebo, ntle le fa o na le ditshwanelo tsa tiriso ya kgwebo mo tumalanong e e kwa thoko le Microsoft. Tiriso ya di-app tse di jaaka Word, Excel, PowerPoint, Outlook, OneDrive, Access le Publisher mo Microsoft 365 Family, Microsoft 365 Personal le app epe e nngwe ya Microsoft 365 kgotsa Tirelo ya kwadiso e laolwa ke melwana ya laesense ya tlatseletso e e mo https://aka.ms/useterms mmogo le Melawana eno.
- ii. Melawana e e Oketsegileng ya Outlook. Outlook e akaretsa go dirisa Bing Maps. Diteng dipe tse di tlamelwang ka Bing Maps, go akaretsa di-geocode, di ka dirisiwa fela mo kunong e diteng tseo di tlamelwang ka yone. Tiriso ya gago ya Bing Maps e laolwa ke Melawana ya Tiriso ya Modirisi wa Bing Maps e e leng teng mo go.microsoft.com/?linkid=9710837 le Polelwana ya Polokodiphiri ya Microsoft e e leng teng mo go.microsoft.com/fwlink/?LinkID=248686.
Dithoto tsa Dijithale
- i. Dithoto tsa Dijithale. Mo Microsoft Groove, Dibaesekopo le TV tsa Microsoft, Store, Ditirelo tsa Xbox le ditirelo tse dingwe tse di amanang le tsa isago, Microsoft e ka nna ya go kgontsha go bona, go reetsa, go leba, go tshameka kgotsa go bala (go ikaegile ka gore o dira eng) mmino, ditshwantsho, bidio, mokwalo, kgotsa matheriale o mongwe ("Dithoto tsa Dijithale") tse o ka di bonang ka sebopego sa dijithale. Dithoto tsa Dijithale ke tsa tiriso ya gago ya sebele fela, ya boitlosobodutu e e seng ya kgwebo. O dumalana gore o ka se di anamaise gape, wa di gasa, wa bontsha phatlalatsa kgotsa wa fetisa dikhopi dipe tsa Dithoto tsa Dijithale. Dithoto tsa Dijithale e ka tswa e le tsa Microsoft kgotsa tsa ditlamo tse dingwe. Mo maemong otlhe, o tlhaloganya le go dumela gore ditshwanelo tsa gago mabapi le Dithoto tsa Dijithale di lekanyeditswe go Melawana eno, molao wa tetlokhopi, le Melao ya Tiriso e e mo https://go.microsoft.com/fwlink/p/?LinkId=723143. O dumalana gore o ka se leke go fetola Dithoto tsa Dijithale tse di bonweng ka Ditirelo dingwe le dingwe ka lebaka le fa e le lefe, go akaretsa ka boikaelelo jwa go gakantsha kgotsa go fetola gore mong wa dithoto ke mang kgotsa motswedi wa Dithoto tsa Dijithale. Microsoft kgotsa beng ba Dithoto tsa Dijithale, ka dinako dingwe ba ka nna ba tlosa Dithoto tsa Dijithale mo Ditirelong ntle le kitsiso.
Polokelo ya Microsoft
- j. Polokelo ya Microsoft.
- i. Kabo Polokelo ya OneDrive. Fa o na le diteng tse di oketsegileng tse di bolokilweng mo OneDrive ya gago go feta e o tlametsweng ka yone mo melawaneng ya tirelo ya gago ya mahala kgotsa e e duelelwang ya tirelo ya ikwadiso ya polokelo ya Microsoft mme o sa tsibogele kitsiso e e tswang go Microsoft ya go baakanya akhaonto ya gago ka go tlosa diteng tse di feteletseng kgotsa go fudugela go leano le lešwa la ikwadiso le le nang le bobolokelo jo bo oketsegileng, re na le tshwanelo ya go tswala akhaonto ya gago le go phimola kgotsa go se kgontshe phitlhelelo ya Diteng tsa Gago mo OneDrive. Bala mo go oketsegileng ka dipalo tsa polokelo ya Microsoft fano (https://prod.support.services.microsoft.com/office/how-does-microsoft-storage-work-2a261b34-421c-4a47-9901-74ef5bd0c426).
- ii. Tiragatso ya Tirelo ya OneDrive. Go ikaegile ka mabaka a a jaaka didiriswa tsa gago, kgokagano ya inthanete le maiteko a Microsoft go boloka tiragatso le tshiamo ya tirelo ya yone, ka dinako tse dingwe o ka itemogela tiego fa o laisa kgotsa o dira gore diteng di tsamaisane mo OneDrive.
- iii. Kabo Polokelo ya Outlook.com. Fa o feta palo ya gago gago ya polokelo ya melaetsa ya Outlook.com kgotsa palo ya gago ya polokelo ya Microsoft e o e neilweng mo ikwadisong ya mahala kgotsa e e duelelwang, o ka se kgone go romela kgotsa go amogela melaetsa go fitlha o tlosa diteng tse di feteletseng kgotsa o fudugela kwa ikwadisong e ntšha e e nang le polokelo e e lekaneng. Fa o palelwa ke go tlosa diteng tse di feteletseng kgotsa go bona polokelo e e oketsegileng e e lekaneng morago ga go amogela kitsiso go tswa kwa Microsoft, re na le tshwanelo ya go phimola kgotsa go se kgontshe phitlhelelo ya Diteng tsa Gago. Bala mo go oketsegileng ka dipalo tsa polokelo ya Microsoft fano (https://prod.support.services.microsoft.com/office/how-does-microsoft-storage-work-2a261b34-421c-4a47-9901-74ef5bd0c426).
Microsoft Cashback
- k. Microsoft Cashback. Thulaganyo ya Microsoft Cashback ("Cashback") e letlelela badirisi ba Microsoft go bona madi fa ba reka mo barekising ba ba tsayang karolo ba dirisa dikuno le ditirelo tse di rileng tsa Microsoft jaaka Bing.com le Microsoft Edge. Ka go ikwadisa mo Cashback kgotsa go dira gore mpho ya Cashback e nne teng, o amogela le go dumalana le Melawana le Dipeelo tsa Cashback (https://www.microsoft.com/bing/rebates-terms). Ditlhokego dingwe tsa go tshwanelega, dithibelo, le ditekanyetso tse dingwe di dira mo go nneng le seabe ga gago mo Cashback; go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona di-FAQ tsa Cashback (https://www.bing.com/rebates/faq).
Microsoft Rewards
- l. Microsoft Rewards.
- i. Tshedimosetso ka Kakaretso. Microsoft Rewards ("Lenaneo la Maduo") e tsenelwa mahala, mme e go kgontsha go bona dintlha ("Dintlha") tsa ditiro tse di rileng le tiriso ya sebele ya dikuno le ditirelo tse di rileng tsa Microsoft. Fa o na le akhaonto ya Microsoft mme o le mo Kgaolong e e tsayang karolo (e e tlhalositsweng fa tlase), o tsentswe ka go itiragalela mo Lenaneong la Maduo mme o ka simolola go bona Dintlha ka gangwe. O ka khansela botsayakarolo jwa gago mo Lenaneong la Maduo ka nako nngwe le nngwe ka go latela ditaelo tsedi fa tlase fano.
- ii. O ka rekolola Dintlha tsa gago ka ditsela tse di farologaneng ("Ditlhopho tsa go Rekolola"), go akaretsa ka dikuno le ditirelo tse di rileng tse di kwadilweng mo Tsebeng ya go Rekolola mo https://aka.ms/redeemrewards ("Maduo"). Gore o tshwanelegele go rekolola Dintlha tsa gago mo Tlhophong epe ya go Rekolola, sa ntlha o tshwanetse go dira akhaonto ya gago ya Lenaneo la Maduo ("Akhaonto ya Maduo") mo Deshebotong ya Maduo mo https://rewards.microsoft.com/ kgotsa mo diwebosaeteng kgotsa ditsebeng tse di rileng tsa Microsoft. Ga go na tuelo ya go dira Akhaonto ya gago ya Maduo.
- iii. Dithibelo le ditekanyetso tse di rileng di dira mo lotsenong, thekololong, le ditiriso tse dingwe tsa Dintlha mo Lenaneong la Maduo. Go bona tshedimosetso go ya pele bona karolo ya Maduo mo https://support.microsoft.com ("FAQ").
- iv. Ditlhokego. O tlhoka akhaonto e e siameng ya Microsoft mme o tshwanetse wa bo o nna mo go lengwe la mafelo a a kwadilweng mo FAQ ("Dikgaolo") go dirisa Akhaonto ya gago ya Maduo le go bona, go rekolola, kgotsa go seng jalo go dirisa Dintlha. O ka bula le go dirisa Akhaonto e le nngwe fela ya Maduo, tota le fa o na le diaterese di le mmalwa tsa imeile. Lelapa lengwe le lengwe le lekanyeditswe go Diakhaoto tsa Maduo di le thataro. Lenaneo la Maduo ke la tiriso ya gago ya sebele fela mme e seng ya kgwebo. Go dirisa neteweke e e bonwang ya poraefete kgotsa thekenoloji kgotsa tirelo e nngwe e e ka dirisiwang go bula kgotsa go ribolola lefelo la gago go ka felela ka gore Akhaontoya gago ya Maduo e khanselwe le gore o latlhegelwe ke Dintllha tse o di kgobokantseng.
- v. Go Bona Dintlha. O ka nna le ditshono tsa go bona Dintlha tsa ditiro tse di rilleng tse di tshwanelang ("Dineo"), jaaka Ditshenko, Go Bona, tiriso ya dikuno le ditirelo tsedi rileng tsa Microsoft, le ditshono tse dingwe go tswa go Microsoft. O tshwanetse wa bo o na le Akhaonto e e dirang ya Maduo gore o kgone go dirisa Dineo tseo. Fa o sena go wetsa ditlhokego tsa Dineo dingwe, o ka nna wa kopiwa go kopa Dintlha mo Letlhomesong la Rewards pele Dintlha di bonwa le go tsenngwa mo Akhaontong ya gago ya Rewards. Fa o sa dirise Dintlha tseno ka nako e e beilweng ke Microsoft, o ka nna wa latlhegelwa ke Dintlha tseno. Dineo tse di tshwanelang di ka farologana go ya ka Kgaolo mme di ka nna teng fela ka nako e e rileng kgotsa go ikaegile ka dithibelo tse dingwe. O tshwanetse go tsamaisana le melawana le dipeelo tsotlhe tsa Neo e e rileng gore o bone Dintlha tse di abiwang le Neo eo. O ka abelwa Dineo ka tlhamalalo mo Deshebotong ya Maduo kgotsa fa o dirisa dikuno kgotsa ditirelo tse di rileng tsa Microsoft. Gangwe le gape, Microsoft e ka nna ya go naya kgotsa ya go abela Dintlha tse di oketsegileng go ya ka tshwetso ya yone e bile e ka go itsise pele kgotsa e sa go itsise, go akaretsa le tse Microsoft e di tsayang e le Ditshenko tse di dirilweng ka maikaelelo a a siameng le ditirisano tse dingwe tse o di dirileng le ditirelo tsa Microsoft.
- vi. Go ya ka Thulaganyo ya Rewards, "Tshenko" ke tiro ya modirisi mongwe le mongwe yo o tsenyang mokwalo ka seatla ka maikaelelo a a siameng a go bona dipholo tsa tshenko ya Bing ka maikaelelo a gagwe a patlisiso; "Tshenko" ga e akaretse dipotso tse di sa ikaelelwang kgotsa tse di sa dirisiwang ka maikaelelo a a siameng a patlisiso ya motho ka namana kgotsa potso e e tsentsweng ke bot, macro, kgotsa ka mokgwa mongwe o o itirisang kgotsa wa tsietso wa mofuta mongwe le mongwe. Mo Thulaganyong ya Rewards, "Theko" ke thulaganyo ya go reka dithoto kgotsa go tsenya le go reka laesense ya diteng tsa dijithale ka tlhamalalo go tswa go Microsoft, e ka tswa e le mahala kgotsa e duetswe. Dintlha ga di ntshiwe ka Go Bona sengwe le sengwe go tswa go Microsoft, mme go ka diragadiwa dithibelo tse di rileng.
- vii. Dithibelo le Ditekanyetso mo Dintlheng. Dintlha di abiwa ke Microsoft go Diahanto ka bongwe tsa Maduo, mme di ka se fetisediwe kwa bathong kgotsa kwa ditlamong tse dingwe. Go sa kgathalesege se se umakilweng fa godimo, gangwe le gape Microsoft, ka tsela e e bonang go siame ka yone, e ka go letla (i) go abalana Dintlha tsa gago mo lelapeng la gago (go na le ditekanyetso), (ii) go aba Dintlha tsa gago go tshegetsa mokgatlho o o sa direng lotseno o o kwadilweng mo Tsebeng ya Thekololo, kgotsa (iii) go ikaegile ka Kgaolo ya gago le melawana le dipeelo tse dingwe, go rekolola Dintlha dingwe kgotsa tsotlhe tsa gago go bona dintlha mo mananeong a a rileng a maduo kgotsa a boikanyegi, go akaretsa mananeo a a tsamaisiwang ke Microsoft kgotsa ditlamo tse dingwe tse di dumeletsweng. Ka dinako tsotlhe Dintlha e nna e le thoto ya Microsoft, mme ga se dithoto tsa gago; gadi na boleng jwa madi, mme o ka se bone madi ape kgotsa wa di ananya ka madi. O fiwa dintlha e le papatso fela. O ka se reke Dintlha. Microsoft e ka lekanyetsa palo ya Dintlha kgotsa Maduo a a ka bonwang kgotsa a a ka rekololwang ke motho, ke lelapa, kgotsa ka lobaka lo lo rileng (sk. ka letsatsi) fa fela o sa gobadiwa ke go tlola molao; tsweetswee leba FAQ go bona ditekanyetso tse di dirang ga jaana. Kwantle ga fa Neo kgotsa Tlhopho ya Thekololo e bontsha ntlha nngwe ka tlhamalalo, Dintlha tse di bonweng mo Lenaneong ga di mo tirisong, e bile di ka se dirisiwe mmogo le lenaneo lepe le lengwe le le ntshiwang ke Microsoft kgotsa ditlamo tse dingwe. Dintlha tse di sa rekololwang tse di amanang le Akhaonto ya gago ya Maduo di felelwa ke nako fa o sa bone kgotsa o sa rekolole Dintlha dipe mo Akhaontong ya gago ya Maduo ka dikgwedi di le 12 tse di latelanang.
- viii. Thekololo. O tla kgona go bona Ditlhopho tsa Thekololo mo Tsebeng ya Thekololo le mo diwebosaeteng le mo ditsebeng tse di rileng tsa Microsoft. O tshwanetse go bona le go nna le Dintlha tsotlhe tse di bonweng tsa Thlopho ya Thekololo mo Akhaontong ya gago ya Maduo pele o ka rekolola Dintlha tsa gago mo Tlhophong eo ya Thekololo. Go ka tswa go na le palo e e lekanyeditsweng ya Maduo a a rileng a a totobetseng, mme Maduo ao a tla tlisiwa go ya ka gore ke mang yo o tlileng pele. Go ka nna ga tlhokega gore o tlamele tshedimosetso e nngwe, jaaka ateresethomelo ya gago le nomoro ya mogala (ntle le VOIP kgotsa nomoro ya mahala), e bile gape o ka nna wa kopiwa go tsenya khoutu e e thibelang tsietso kgotsa go saena ditokumente tse dingwe tsa semolao go rekolola Dintlha tsa Ditlhopho tse di rileng tsa Thekololo. Fa o sena go rekolola Dintlha tsa gago, o ka se khansele kgotsa wa busetsa Tlhopho ya Thekololo gore o busediwe Dintlha kwantle ga fa dikuno di na le diphoso kgotsa go tlhokiwa ke molao o o maleba. Fa o tlhopha Tlhpho ya Thekololo e e seyong mo setokong kgotsa e e seyong ka mabaka a mangwe, re ka nna ra emisetsa Tlhopho ya Thekololo ya boleng jo bo lekanang kgotsa ra go busetsa dintlha tsa gago go ya ka tsela e re bonang ka yone.
- ix. Microsoft e ka nna ya tlhabolola kgotsa ya kgaotsa go naya Ditlhopho tse di rileng tsa Thekololo ka nako nngwe le nngwe le ka lebaka lengwe le lengwe. Ditlhopho dingwe tsa Thekololo di ka nna le dipatlafalo tsa go tshwanelega tsa dingwaga kgotsa Kgaolo, kgotsa melawana le dipeelo tse dingwe go di rekolola kgotsa go di dirisa. Ditlhokego kgotsa maemo ape a a ntseng jalo a tla akarediwa mo tshitshinyong e e maleba ya thekololo. O ikarabelela makgetho otlhe a federale, a puso, le a selegae le ditshenyegelo dipe tse dingwe tsa go amogela le go dirisa Tlhopho ya Thekololo. Maduo a tla romelwa ka imeile kwa atereseng ya imeile e e amanang le akhaonto ya gago ya Microsoft, ka jalo dira gore aterese ya gago ya imeile e nne e le mo nakong. Maduo a a sa kgoneng go gorosiwa a ka se ntshiwe gape mme ka jalo a a latlhega. Maduo a ka se rekisiwe gape. O ka se rekolole Dintlha tse di fetang 550,000 mo ngwageng o le mongwe mo Lenaneong la Maduo.
- x. Go Khansela Akhaonto ya Gago ya Maduo. Fa o sa tlhole o batla go tsaya karolo mo Thulaganyong ya Rewards, latela ditaelo tse di mo tsebeng ya go tlhopha go tswa (https://rewards.microsoft.com/optout) go khansela Akhanto ya gago ya Rewards. Fa o khansela Akhaonto ya gago ya Maduo, ka gangwe fela o tla latlhegelwa ke Dintlha tsa gago tsotlhe tse o di boneng mme o tla latlhegelwa ke bokgoni jwa go bona Dintha tse disha mo isagweng. Go simolola go bona Dintlha gape, o tshwanetse go bula Akhanto e ntšha ya Maduo (mme Microsoft e ka se busetse Dintlha dipe tse di latlhegileng mo nakong e e fetileng). Akhaonto ya gago ya Maduo e ka khanselwa (mme wa latlhegelwa ke Dintlha) fa o sa tsene mo akhaontong ya gago ya Microsoft ka dikgwedi di le 12 tse di latelanang.
- xi. Go Fetoga kgotsa go Kgaodiwa ga Lenaneo. Microsoft e na le tshwanelo ya go fetola, go ntlafatsa, go kgaotsa, kgotsa go khansela Lenaneo la Maduo kgotsa karolo epe ya lone ka nako nngwe le nngwe, ka tsela e e bonang ka yone, le kwantle ga go naya kitsiso pele. Mme gone, fa Lenaneo la Maduo le khanselwa kgotsa le kgaosediwa, re tla tsaya matsapa a go go itsise ka imeile le mo Deshebotong ya Maduo le go go naya bobotlana malatsi a le 90 gore o rekolole Dintlha tsa gago tse o di kgobokantseng, kwantle ga fa re bona gore go khanselwa mono go tshwanetse ga direga ka gangwe ka ntlha ya mabaka a semolao kgotsa a tshireletsego.
- xii. Melawana e Mengwe. Microsoft e sala e na le tshwanelo ya go khansela Akhaonto ya gago ya Maduo ka gangwe, go dira gore o se ka wa tshwanelegela go nna le seabe mo Lenaneong la Maduo la mo isagweng, go dirar gore o latlhegelwe ke Dintlha tsotlhe tsa gago tse o di boneng, le go khansela kgotsa go emisa ka nakwana Tlhopho epe ya Thekololo e o e boneng mo Lenaneong la Maduo fa Microsoft e dumela gore o kgoreletsa, o dirisa botlhaswa, kgotsa o tsietsa karolo epe ya Lenaneo la Maduo kgotsa o tlodile melawana eno. Gape Microsoft e sala e na le tshwanelo ya go khansela kgotsa go emisa ka nakwana Tlhopho epe ya Thekololo e o e boneg kgotsa o lekileng go e bona ka Lenaneo la Maduo fa Microsoft e swetsa ka gore ga o tshwanelwe ke go amogela Tlhopho ya Thekololo ka ntlha ya mabaka a semolao (jaaka melao ya thomelontle). Le fa gone Microsoft e tsaya matsapa otlhe go tlhomamisa gore dilo di nepile, ka dinako dingwe go nna le diphoso. Ka jalo Microsoft e sala e na le tshwanelo ya go baakanya diphoso tseo ka nako nngwe le nngwe, le fa seo se ka ama Dineo tsa ga jaana kgotsa Dintlha kgotsa Maduo a gago a o a letileng, o a boneng kgotsa o a rekolotseng. Momaemong a fa go na le go sa tsamaisane kgotsa go sa tshwane fa gare a melawana eno ya Lenaneo la Maduo kgotsa dipolelwana tse dingwe tse di leng mo dimatherialeng kgotsa dipapatsong dipe tse di amanang le tsone, melawana eno e a fenya, e a busa e bile e a laola.
Azure
- m. Azure. Tiriso ya gago ya tirelo ya Azure e laolwa ke melawana le dipeelo tsa tumalano e e kwa thoko e o boneng ditirelo mo go yone, jaaka go tlhalosiwa ka botlalo mo tsebeng ya Tshedimosetso ya Semolao ya Microsoft Azure mo https://aka.ms/AA7z67v.
Microsoft Soundscape
- n. Microsoft Soundscape. O dumela gore Microsoft Soundscape (1) ga ya tlhamelwa, ga ya ikaelelwa, kgotsa ga ya dirwa gore e nne gone e le sedirisiwa sa kalafi, gape (2) ga ya tlhamelwa kgotsa ga ya ikaelelwa go emisetsa kgakololo ya porofeshenale ya kalafi, tshupo ya bolwetse, kalafi, kgotsa katlholo mme ga ya tshwanela go dirisediwa go emisetsa kgotsa go bewa mo boemong jwa kgakololo ya porofeshenale ya kalafi, tshupo ya bolwetse, kalafi, kgotsa katlholo.
Power Platform
- o. Power Platform. Tiriso ya gago ya tirelo ya Power Platform e laolwa ke melawana le dipeelo tsa tumalano e e kwa thoko e o boneng ditirelo tseno ka yone, jaaka go bontshitswe mo tsebeng ya Tshedimosetso ya Semolao ya Power Platform mo Microsoft Power Platform (https://www.microsoft.com/en-us/power-platform/business-applications/legal).
Dynamics 365
- p. Dynamics 365. Tiriso ya gago ya tirelo ya Dynamics 365 e laolwa ke melawana le dipeelo tsa tumalano e e kwa thoko e o boneng ditirelo tseno ka yone, jaaka go bontshitswe mo tsebeng ya Tshedimosetso ya Semolao ya Dynamics 365 mo Microsoft Dynamics 365 (https://www.microsoft.com/en-us/dynamics-365/business-applications/legal).
Maiatemogelo a Copilot AI
- q. Maitemogelo a Copilot AI. Tiriso ya gago ya Maitemogelo a Copilot AI (ntle le Copilot e e nang le tshireletso ya tshedimosetso ya kgwebo) e laolwa ke melawana le dipeelo tsa tlaleletso tse o amogetseng ditirelo tseo ka tsone jaaka go tlhalositswe mo Copilot - Melawana ya Tiriso (bing.com) (https://www.bing.com/new/termsofuse#content-policy) mmogo le Melawana eno. Fa o le modirisi wa Microsoft Copilot yo o dirisang tshireletso ya tshedimosetso ya kgwebo, tsweetswee etela tsebe eno go sekaseka melawana ya tiriso e e go amang, mmogo le Melawana eno: https://aka.ms/BCETermsOfUse.
Ditirelo tsa AI
- r. Ditirelo tsa AI. "Ditirelo tsa AI" ke ditirelo kgotsa dikarolo tsa tsone tse di dirisang dithekenoloji tsa Botlhajana jwa Maitirelo (AI), go akaretsa ditirelo tsa AI tse di tlhagisang.
- i. Ga go Na Kgakololo ya Seporofeshenale. Ditirelo tsa AI ga di a rulaganngwa, ga di a ikaelelwa, kgotsa ga di a tshwanela go dirisiwa jaaka tse di emelang kgakololo ya seporofeshenale.
- ii. Boenjenere jo bo Fetofetogang. O ka nna wa se dirise ditirelo tsa AI go ribolola dilwana dipe tse di fitlhegileng tsa dikao, mekgwa le dithulaganyo. Ka sekai, o ka nna wa se ka wa leka go bona le go tlosa bokete jwa dikao kgotsa go ntsha dikarolo dipe tsa ditirelo tsa AI mo sedirisiweng sa gago.
- iii. Go Ntsha Tshedimosetso. Kwantle ga fa go letleletswe ka tlhamalalo, o se ka wa dirisa mekgwa ya web scraping, web harvesting, kgotsa web data extraction go tswa mo ditirelong tsa AI.
- iv. Ditekanyetso tsa go dirisa tshedimosetso ya Ditirelo tsa AI Services. O se ka wa dirisa ditirelo tsa AI, kgotsa tshedimosetso e e tswang mo ditirelong tsa AI, go tlhama, go thapisa, kgotsa go tokafatsa (ka tlhamalalo kgotsa e se ka tlhamalalo) thekenoloji epe ya AI.
- v. Tiriso ya Diteng tsa Gago. Jaaka karolo ya go tlamela ka ditirelo tsa AI, Microsoft e tla dirisa le go boloka dintshetsoteng tsa tirelo mmogo le dintshetsontle tsa tirelo, ka boikaelelo jwa go tlhokomela le go thibela ditiriso tse di sotlang kgotsa tse di gobatsang kgotsa dintshetsontle tsa tirelo.
- vi. Thuo ya Diteng tsa Gago. Microsoft ga e tseye gore ke yone e nang le tshedimosetso epe e o e nayang, e o e romelang, e o e tsenyang, e o e romelang kgotsa e o e amogelang go tswa mo ditirelong tsa AI (go akaretsa dikakgelo le dikakantsho). O tla tlhoka go itirela tshwetso ya gago ka ga ditshwanelo tsa thoto ya botlhale tse o nang le tsona mo diteng tse di tlhagisiwang le tiriso ya tsone, o tsaya tsia, gareng ga dilo tse dingwe, maemo a gago a tiriso le melao ya kgaolo e e maleba. O tlhomamisa le go supa gore o na le kgotsa o laola ditshwanelo tsotlhe tsa diteng tsa gago jaaka go tlhalositswe mo Melawaneng eno go akaretsa, mme go sa lekanyediwe, ditshwanelo tsotlhe tse di tlhokegang gore o kgone go tlamela, go romela, go tsenya kgotsa go romela diteng.
- vii. Dintlha tsa diteng. Fa o dirisa ditirelo tsa AI go dira diteng, Microsoft e ka nna ya boloka tshedimosetso ka diteng mme ya golaganya tshedimosetso eno le diteng le tshedimosetso ya diteng. O ka se dirise ditirelo tsa AI kgotsa wa dira diteng ka maikaelelo a go tlosa, go fetola, go bipa kgotsa go fitlha tshedimosetso ya diteng kgotsa mekgwa e mengwe ya go di romela, matshwao kgotsa ditshupo kgotsa go dirisa ditirelo tsa AI go dira diteng ka maikaelelo a go tsietsa ba bangwe gore a diteng di dirilwe go dirisiwa ditirelo tsa AI.
- viii. Ditleleimi tsa ditlamo tse dingwe. Ke wena o nang le maikarabelo a go tsibogela ditleleimi tsa ditlamo dipe mabapi le Tiriso ya gago ya ditirelo tsa AI tumalanong le melao e e dirang (go akaretsa, mme e seng fela go tlolwa ga molao wa tetlokhopi kgotsa ditleleimi tse dingwe tse di amanang le ntshetsontle ya diteng ka nako ya Tiriso ya gago ya ditirelo tsa AI).
- ix. Dithibelo Tsa Tiriso. Mo godimo ga go ikobela "Melawana ya Maitsholo" e e fa godimo, o dumela gore ga o kitla o dirisa ditirelo tsa AI, go akaretsa le tse di dirang ditshwetso kgotsa tse di tsayang dikgato, ka go itirisa kgotsa ka maemo a a farologaneng a tsereganyo ya motho:
- 1. Go dira ditshwetso kgotsa go tsaya dikgato kwa ntle ga tlhokomelo e e maleba ya motho tse di ka nnang le ditlamorago mo maemong a semolao a motho mongwe le mongwe, maemo a gagwe a madi, ditshono tsa botshelo, ditshono tsa tiro, kgotsa ditshwanelo tsa botho, kgotsa tse di ka felelang ka go gobatsa motho kgotsa setlhopha sa batho mo mmeleng kgotsa mo tlhaloganyong;
- 2. Go tsietsa kgotsa go naya tshedimosetso e e seng boammaruri ka boomo (s.k., papatso e e seng yone), kgotsa go dirisa mekgwa e e sa lemotshegeng (s.k., matshwao a a bonwang, a a utlwiwang, kgotsa a mangwe a a fetang a motho yo o tlwaelegileng a ka kgonang go a lemoga) ka maikaelelo a go tsietsa kgotsa go sokamisa boitshwaro jwa motho ka tsela e e ka bakang kotsi;
- 3. Go dirisa bokoa bongwe le bongwe jwa motho ka ntlha ya dingwaga tsa gagwe, bogole, kgotsa maemo a a rileng a loago kgotsa a ikonomi, ka maikaelelo, kgotsa ka ntlha ya, go sokamisa boitshwaro jwa motho yoo kgotsa motho yo o leng mo setlhopheng seo ka tsela e e bakang kgotsa e go ka diregang gore e bake tshenyo e e masisi mo mothong yoo kgotsa mo mothong yo mongwe;
- 4. Go dira tekanyetso ya maemo a loago kgotsa go tlhama dipalo tse di ka dirang gore batho bangwe kgotsa ditlhopha dingwe tsa batho di tshwarwe ka tsela e e ba tlhaolang, e e gobelelang, e e sa siamang, e e kotsi, e e sa ba tshwanelang kgotsa e e utlwisang botlhoko;
- 5. Go tlhatlhoba kotsi ya bokebekwa jwa batho ba tlholego e e ikaegileng fela ka go tlhatlhoba motho kgotsa go tlhatlhoba botho jwa gagwe le mekgwa ya gagwe. Thibelo eno ga e a tshwanela go dira mo ditirelong tsa AI tse di dirisiwang go tshegetsa go tlhatlhobiwa go nna le seabe ga motho mo ditirong tsa bosenyi, e e setseng e theilwe mo mabakeng a a tsepameng le a a ka netefadiwang a a amanang ka tlhamalalo le tiro ya bosenyi;
- 6. Go farologanya batho ka ditlhopha go ya ka tshedimosetso ya bone ya bayometeriki, kgotsa go fopholetsa kana go swetsa ka lotso lwa bone, maikutlo a sepolotiki, go nna leloko la mokgatlho wa badiri, ditumelo tsa bodumedi kgotsa tsa filosofi, kgotsa botshelo jwa thobalano kgotsa tshekamelo ya thobalano, ntle le go tshwaya kgotsa go tlhotlha disete tsa tshedimosetso ya bayometeriki tse di bonweng ka molao, jaaka ditshwantsho, go ya ka tshedimosetso ya bayometeriki kgotsa go farologanya tshedimosetso ya bayometeriki ka ditlhopha mo lephateng la tiragatso ya molao;
- 7. Go tlhama kgotsa go atolosa di-database tsa go lemoga difatlhego ka go ntsha ditshwantsho tsa difatlhego go tswa mo inthaneteng kgotsa ditshwantsho tsa CCTV;
- 8. Mo thekenolojing nngwe le nngwe ya nako ya nnete ya go lemoga sefatlhego mo dikhamereng tse di tsamayang tse di dirisiwang ke batlhankedi ba semolao lefatshe ka bophara go leka go lemoga batho mo tikologong e e sa laolweng, ba ba akaretsang (kwantle ga tekanyetso) batlhankedi ba sepodisi ba ba paterolang ba dirisa dikhamera tse di rwalwang mo mmeleng kgotsa tse di tshwaragantsweng mo sedirisiweng sa go kwala tse di dirisang thekenoloji ya go lemoga sefatlhego go leka go lemoga batho ba ba leng mo teng ga database ya babelaelwa kgotsa bagolegwa ba pele; kgotsa
- 9. Go leka go tlhalosa maikutlo a batho go tswa mo popegong ya bone ya mmele, ya mogopolo, kgotsa ya boitshwaro (s.k., ponalo ya sefatlhego, metsamao ya sefatlhego, kgotsa mekgwa ya go bua), go akaretsa go tlhalosa maikutlo a a jaaka bogale, go ferosiwa sebete, boitumelo, kutlobotlhoko, go gakgamala, poifo, kgotsa mafoko a mangwe a gantsi a dirisiwang go tlhalosa maikutlo a motho.
Ditirelo Tsa Tlhaeletsano
- s. Ditirelo Tsa Tlhaeletsano. Ditirelo tse di letlang batho go buisana, go akaretsa Skype, Teams, Outlook le GroupMe, mme e se tsone fela di laolwa ke melawana e mengwe ya tiriso e e fitlhelwang mo https://aka.ms/useterms mmogo le Melawana eno.
Tsele le tsele
14. Tsele le tsele. Karolo e, le dikarolo 1, 9 (mo ditšheleteng tse di amogetsweng pele ga bokhutlo jwa Melawana e), 10, 11, 12, 15, 17 le tse go ya ka melawana ya tsone di dirang morago ga bokhutlo jwa Melawana e di tla falola go khutlisiwa kgotsa go khanselwa ga Melawana e. Go ya bokgakaleng jo bo letlelelwang ke molao o o maleba, re ka abela Melawana e, ra ntsha dikonteraka tsa mangwe a maikarabelo a rona mo Melawaneng e, kgotsa ra ntsha dilaesense tse dingwe tsa ditshwanelo tsa rona mo Melawaneng e, di feletse kgotsa karolo ya tsone, ka nako nngwe le nngwe ntle le go go itsise. O ka se abele Melawana e kgotsa wa fetisa ditshwanelo dipe go dirisa Ditirelo. Tumalano e yotlhe e fa gare ga gago le Microsoft gore o dirise Ditirelo tsa bone. E emisetsa ditumalano tsotlhe tse dingwe fa gare ga gago le Microsoft mabapi le tiriso ya gago ya Ditirelo. Ka go dumalana le Melawana e, ga o a ikaega ka polelo epe, go emelwa, waranti, go tlhaloganya, tiro, tsholofetso ntle le jaaka go tlhalositswe ka tlhamalalo mo Melawaneng e. Dikarolo tsotlhe tsa konteraka e di dira go ya bokgakaleng jo bogolo jo bo letlelelwang ke molao o o maleba. Fa kgotlatshekelo kgotsa motsereganyi a re re ka se pateletse karolo ya konteraka eno jaaka e kwadilwe, re ka emisetsa melawana eo ka melawana e e tshwanang le yone go ya bokgakaleng jo go kgonegang ka jone go e pateletsa go ya ka molao o o maleba, mme Melawana e mengwe yotlhe e ka se fetoge. Melawana e ke ya go solegela wena le rona fela molemo. Melawana e ga e a tshwanela go solegela motho ope yo mongwe molemo, ntle le batlhatlhami ba Microsoft le batho ba ba filweng tetla. Ditlhogo tsa dikarolo ke tsa tshupetso fela mme ga di na tiro ya semolao.
15. Ditleleimi di Tshwanetse go Tsenngwa mo Ngwageng o le Mongwe. Tleleimi epe e e amanang le Melawana e kgotsa Ditirelo e tshwanetse go tsenngwa kwa kgotlatshekelo (kgotsa tsereganyo fa karolo 10.d e dira) mo ngwageng o le mongwe wa letlha le o tsenyang tleleimi la ntlha, ntle le fa molao wa lefelo la gago o tlhoka nako e telele ya go tsenya ditleleimi. Fa e sa tsenngwa ka nako eo, e tla thibelelwa ruri.
16. Melao ya Diromelwantle. O tshwanetse go tsamaisana le melao yotlhe le melawana ya mo nageng le ya ditšhabatšhaba ya diromelwantle e e amang serweboleta le/kgotsa Ditirelo, e e akaretsang dithibelo mo mafelong, badirisi, le kafa e dirisiwang ka teng. Go bona tshedimosetso go ya pele ka dithibelo tsa mafelo le tsa diromelwantle, etela https://www.microsoft.com/exporting.
17. Go boloka Ditshwanelo le Pegelokarabo. Ntle le fa go tlhalositswe ka botlalo mo Melawaneng e, Microsoft ga e go fe laesense kgotsa ditshwanelo dipe tse dingwe tsa mofuta ope mo dipatenteng, kitso, ditetlokhopi, diphiri tsa kgwebo, matshwaokgwebo kgotsa ditlhamo tsa kgotsa tse di laolwagn ke Microsoft kgotsa setheo sengwe se se amanang, go akaretsa mme e seng go lekanyediwa go leina lepe, kgwebo, leinakgwebo kgotsa tse di tshwanang. Fa o fa Microsoft mogopolo ope, tshitshinyo kgotsa pegelokarabo, go akaretsa ntle le tekanyetso dikgopolo tsa dikuno tse diswa, dithekenoloji, dipapatso, maina a dikuno, dipegelokarabo tsa dikuno kgotsa ditokafatso tsa dikuno ("Pegelokarabo"),"), o fa Microsoft, ntle le tuelo, dikatso kgotsa maikarabelo a mangwe go wena, tshwanelo ya go dira, gore go dirwe, ditiro tsa tlhamo, e dirise, e abelane le go dirisa mo kgwebong Pegelokarabo ya gago ka tsela nngwe le nngwe le ka boikaelelo bongwe le bongwe. O ka se ntshe Pegelokarabo ya gago e e ikaegileng ka laesense e e batlang gore Microsoft e ntshe laesense ya serweboleta sa yone, dithekenoloji kgotsa ditokomane go ditlamo tse dingwe ka gonne Microsoft e akaretsa Pegelokarabo ya gago mo teng.
DIKITSISO
Dikitsiso le tsamaiso ya go dira ditleleimi tsa go tlolwa ga molao wa go tlhama dilo. Microsoft e tlotla ditshwanelo tsa go tlhama dilo tsa ditlamo tse dingwe. Fa o batla go romela kitsiso ya go tlolwa ga molao wa go tlhama dilo, go akaretsa ditleleimi tsa go tlolwa ga molao wa tetlokhopi, tsweetswee dirisa ditsamaiso tsa rona ka go romela Dikitsiso Tsa go Tlolwa ga Molao (https://www.microsoft.com/en-us/legal/intellectualproperty/infringement) tse ditsamaiso tsa tsone e leng karolo ya Melawana eno. DIPOTSO TSE DI MALEBA MO TSAMAISONG E KE TSONE FELA TSE DI TLA ARABIWANG.
Microsoft e dirisa ditsamaiso tse di tlhalosiwang mo Setlhogo 17, Khoutu ya United States, Karolo 512, mme fa go tshwanelang gone, Kgaolo III ya Molawana (EU) 2022/2065, go araba dikitsiso tsa go tlolwa ga molao wa tetlokhopi. Mo maemong a a tshwanelang, Microsoft gape e ka thibela go dira kgotsa ya tswala diakhaonto tsa badirisi ba ditirelo tsa Microsoft ba e ka tswang e le batlodi ba ba boaboelelang ba molao. Mo godimo ga moo, mo maemong a a tshwanelang, Microsoft e ka emisa tsamaiso ya dikitsiso ke batho kgotsa ditlamo tse gangwe le gape di romelang dikitsiso tse di sa utlwaleng. Tlhaloso e e oketsegileng ya ditsamaiso tse di dirang tsa Tirelo e e rileng, go akaretsa go baakanngwa mo go ka nnang teng ga ditshwetso tse di dirilweng ke Microsoft jaaka karolo ya ditsamaiso tseno, e ka fitlhelwa mo Dikitsiso tsa go Tlolwa ga Molao (https://www.microsoft.com/legal/intellectualproperty/infringement).
Dikitsiso le ditsamaiso mabapi le mathata a go tlhama dilo mo dipapatsong. Tsweetswe boeletsa Dikaedi tsa Rona Tsa go Tlhama Dilo (https://go.microsoft.com/fwlink/?LinkId=243207) mabapi le mathata a go tlhama dilo mo netewekeng ya rona ya papatso.
Dikitsiso tsa tetlokhopi le letshwaokgwebo. Ditirelo ke tetlokhopi ©Microsoft Corporation le/kgotsa batlamedi ba yone, One Microsoft Way, Redmond, WA 98052, U.S.A. Ditshwanelo tsotlhe di sireleditswe. Melawana e akaretsa Dikaedi tsa Letshwaokgwebo le Letshwao la Microsoft (https://www.microsoft.com/en-us/legal/intellectualproperty/trademarks) (jaaka e fetolwa ka dinako dingwe). Microsoft le maina, matshwaomoono, le diaekhone tsa dikuno tsotlhe tsa Microsoft, dirweboleta, le ditirelo e ka tswa e le matshwaokgwebo a a kwadisolotsweng kgotsa a a kwadisitsweng a setlhopha sa ditlamo sa Microsoft mo United States le/kgotsa dikgaolo tse dingwe. Le le latelang ke lenaane le le sa akaretseng gotlhe la matshwaokgwebo a Microsoft kwa https://cdn-dynmedia-1.microsoft.com/is/content/microsoftcorp/microsoft/mscle/documents/presentations/TrademarksListFY25Q3.pdf. Maina a dikhampani tsa mmatota le dikuno e ka tswa e le matshwaokgwebo a beng ba tsone. Ditshwanelo dipe tse di sa abiwang ka tlhamalalo mo Melawaneng eno di sireleditswe. Dirweboletsa tse di rileng tse di dirisiwang mo disefareng tsa diwebosaete tse di rileng tsa Microsoft di theilwe bontlhabongwe mo tirong ya JPEG Group e e Ikemetseng. Tetlokhopi © 1991-1996 Thomas G. Lane. Ditshwanelo tsotlhe di sireleditswe. Serweboleta sa "gnuplot" se se dirisiwang mo disefareng tse di rileng tsa webosaete ya Microsoft ke tetlokhopi © 1986‑1993 Thomas Williams, Colin Kelley. Ditshwanelo tsotlhe di sireleditswe.
Kitsiso ya kalafi. Microsoft ga e neye kgakololo ya kalafi kgotsa kgakololo epe ya tlhokomelo ya pholo, tshupo ya bolwetse kgotsa kalafi. Ka gale batla kgakololo mo ngakeng ya gago kgotsa motlamedi yo mongwe yo o tshwanelegang wa tlhokomelo ya boitekanelo ka dipotso dipe tse o ka tswang o na le tsone mabapi le bolwetse bongwe, dijo, boitekanelo kgotsa lenaneo la pholo. Le ka motlha o se ka wa tlhokomologa kgakololo ya baitseanape ya kalafi kgotsa wa diega go e batla ka ntlha ya tshedimosetso e o e fitlheletseng mo Ditirelong kgotsa ka tsone.
Dinopolo tsa setoko le tshedimosetso ya ditshupiso (go akaretsa boleng jwa ditshupane). Tshedimosetso ya matlole e e tlamelwang ka Ditirelo ke ya tiriso ya gago ya sebele fela, e seng ya kgwebo. O ka se dirise epe ya tshedimosetso ya matlole kgotsa matshwao a morebodi wa laesense wa khampani e nngwe mabapi le phasalatso, tlhamo, ketleetso, kgwebo, papatso, kgotsa thotloetso ya didiriswa dipe tsa matlole kgotsa dikuno tsa peeletso (ka sekai, ditshupane, ditswa tsa yone, dikuno tse di rulagantsweng, matlole a tsadiso, matlole a kgwebo ya kananyo, manaane a matlotlo, jl jl., mo tlhwatlhwa, poelo le/kgotsa tiro ya sedirisiwa kgotsa kuno ya tsadiso e theilweng mo, e amanang le, kgotsa maikaelelo a yone e leng go latedisa tshedimosetso epe ya matlole) ntle le tumalano e e kwa thoko e e kwadilweng le morebodi wa laesense wa khampani e nngwe.
Kitsiso ya matlole. Microsoft ga se morekisetsi/mogwebi kgotsa mogakolodi yo o kwadisitsweng wa peeletso mo molaong wa United States wa kgololesego ya matlole o o tshwaraganeng kgotsa melao ya kgololesego ya matlole ya dikgaolo tse dingwe mme ga e gakolole batho ka botlhale jwa go beeletsa, go reka, kgotsa go rekisa kgololesego ya tsa matlole kgotsa dikuno kgotsa ditirelo tse dingwe tsa matlole. Ga go na sepe mo Ditirelong se e leng tshitshinyo kgotsa kopo ya go reka kgotsa go rekisa tshireletso epe. Microsoft le fa e le ba ba fang ditlhwatlhwa tsa setoko laesense kgotsa tshedimosetso ya tshupane ga ba tshegetse kgotsa go atlanegisa dikuno dipe tse di rileng tsa matlole kgotsa ditirelo. Ga go na sepe mo mo Ditirelong se boikaelelo jwa sone e leng go nna kgakololo ya bomankge, go akaretsa tsadiso kgotsa kgakololo ya lekgetho, mme e seng tsone fela.
Kitsiso ka H.264/AVC le Melawana ya Bidio ya VC-1. Serweboleta se ka akaretsa H.264/AVC le/kgotsa thekenoloji e e kwadilweng ka khouto ya VC-1 e e reboletsweng laesenese ke MPEG LA, L.L.C. Thekenoloji eno ke fomete ya kitlanyo ya tshedimosetso ya tshedimosetso ya bidio. MPEG LA, L.L.C. e tlhoka kitsiso eno:
KUNO ENO E REBOLETSWE LAESENSE KAFA TLASE GA TSHEDIMOSETSO YA DILAESENSE YA H.264/AVC LE VC-1 TIRISO YA BOTHO LE E E SENG YA KGWEBO YA MODIRISI GO (A) KWALA MOKWALO WA BIDIO TUMALANONG LE MELAWANA ("MELAWANA YA BIDIO") LE/KGOTSA (B) DECODE H.264/AVC, MPEG-4 VISUAL, LE BIDIO YA VC-1 E E KWADILWENG KE MODIRISI YO A NANG LE SEABE MO TIRONG YA BOTHO LE E E SENG YA KGWEBO LE/KGOTSA E SA BONWA GO MOTLAMEDI WA BIDIO YO A NEILWENG LAESENSE YA GO DIRA BIDIO E E NTSENG JALO. GA GO NA LAESENSE E E NTSHIWANG KGOTSA E E TLA UMAKIWANG E SE KA TLHAMALALO MO TIRISONG EPE E NNGWE. TSHEDIMOSETSO E NNGWE E KA BONWA GO TSWA GO MPEG LA, L.L.C. BONA MPEG LA WEBSITE (https://www.mpegla.com).
Go tlhalosa go ya pele fela, kitsiso eno ga e lekanyetse kgotsa go thibela tiriso ya serweboleta se se tlametsweng mo Melawaneng eno go dira kgwebo e e tlwaelegileng ya sebele mo kgwebong eo e e sa akaretseng (i) go anamisa serweboleta mo ditlamong tse dingwe, kgotsa (ii) go tlhama matheriale le dithekenoloji tse di tsamaisanang le MELAWANA YA BIDIO gore di anamisiwe mo ditlamong tse dingwe.
Kitsiso ka Molawana wa Bidio wa H.265/HEVC. Serweboleta se ka akaretsa thekenoloji ya go kwala dilaesense ya H.265/HEVC. Access Advance LLC e tlhoka kitsiso eno:
FA E AKAREDITSWE, THEKENOLOJI YA H.265/HEVC MO SERWEBOLETENG SENO E TLAMELWA KE TLELEIMI E LE NNGWE KGOTSA GO FETA YA DILAESENSE TSE DI KWADILWENG MO: PATENTLIST.ACCESSADVANCE.COM GO IKAEGILE KA GORE O BONE JANG SERWEBOLETA SENO, KUNO ENO E KA TSWA E DIRETSWE LAESENSE KAFA TLASE GA TSHEDIMOSETSO E E GATETSENG PELE YA LAESENSE YA HEVC.
Fa serweboleta seno se tsentswe mo sedirisiweng sa Microsoft, tshedimosetso e e oketsegileng ya laesense e ka bonwa mo: aka.ms/HEVCVirtualPatentMarking.
MELAWANA E E TLWAELEGILENG YA LAESENSE YA TIRISO
MELAWANA YA LAESENSE YA DITIRISO E E TLWAELEGILENG
LEBENTLELE LA MICROSOFT, LEBENTLELE LA MICROSOFT MO WINDOWS, LE LEBENTLELE LA MICROSOFT MO XBOX
Melawana e ya laesense ke tumalano fa gare ga gago le mophasalatsi wa tiriso. Tsweetswee e bale. Di tebang le di diriswa tswa tse o di kopolotseng mo Lebentlele la Microsoft, Lebentlele la Microsoft mo Windows kgotsa Lebentlele la Microsoft mo Xbox (nngwe le nngwe ya tsone e umakilwe mo mabakeng ano a laesense jaaka "Lebentlele"), go akaretsa dintšhwafatso dipe kgotsa ditlaleletso tsa sediriswa, kwa ntle ga fa sediriswa se tla ka mabaka a a farologaneng.
KA GO LAISOLOLA KGOTSA GO DIRISA TIRISO, KGOTSA GO LEKA GO DIRA NNGWE YA TSE, O AMOGELA MELAWANA E. FA O SA E AMOGELE, GA O NA TSHWANELO YA TIRISO E BILE GA O A TSHWANELA GO E LAISOLOLA KGOTSA GO E DIRISA.
Mophasalatsi wa didriswa go tewa setheo se se go fang laesense ya didiriswa jaaka e kailwe mo Lebentleleng.
Fa o tsamaisana le melawana e ya laesense, o na le ditshwanelo tse di fa tlase.
- 1. DITSHWANELO TSA TSENYO LE TIRISO; GO FELELWA KE NAKO. O ka tsenya le go dirisa tiriso mo didirisweng tsa Windows kgotsa dikhonsoule tsa Xbox jaaka go tlhalosiwa mo Melaong ya Microsoft ya Tiriso (https://go.microsoft.com/fwlink/p/?LinkId=723143). Microsoft e sala e na le tshwanelo ya go fetola Melao ya Microsoft ya Tiriso (https://go.microsoft.com/fwlink/p/?LinkId=723143) ka nako nngwe le nngwe.
- 2. DITIRELO TSE DI THEILWENG MO INTHANETENG.
- a. Tetla ya ditirelo tse di theilweng mo Inthaneteng kgotsa tse di se nang megala. Fa tiriso e golaganya le dithulaganyo tsa dikhomphiutha mo Inthaneteng, tse di ka akaretsang go fetisiwa mo netewekeng e e se nang megala, go dirisa tiriso go dira jaaka tetla ya gago ya phetiso ya tshedimosetso ya sediriswa se se tlwaelegileng (go akaretsa mme e seng go lekanyeditswe go tshedimsetso botegeniki ka sediriswa sa gago, serweboleta sa thulaganyo le tiriso, le didiriswa tse seeleketeroniki) mo ditirelong tsa Inthanete tse di se nang megala. Fa go tlhagisiwa melawana e mengwe mabapi le tiriso ya gago ya ditirelo tse di fitlhelelwang ka tiriso e, melawana eo le yone e a dira.
- b. Tirisobotlhaswa ya ditirelo tse di theilweng mo Inthaneteng. O ka tswa o batla go dirisa tirelo nngwe le nngwe e e theilweng mo Inthaneteng ka tsela e e ka kgoreletsang tiriso ya motho yo mongwe ya yone kgotsa neteweke e e se nang megala; O ka se dirise tirelo go leka go fitlhelela ka tsela e e sa letlelelwang tirelo, tshedimosetso, akhaonto, kgotsa neteweke ka tsela le fa e le efe;
- 3. MOTHAMO WA LAESENSE. Tiriso e fiwa laesense, ga e rekisiwe. Tumalanoe e e go fa fela ditshwanelo dingwe tsa go dirisa tiriso. Fa Microsoft e thibela bokgoni jwa go dirisa ditiriso mo didirisweng tsa gago go tsamaisana le tumalano ya gago le Microsoft, ditshwanelo dipe tsa laesense tse di amanang di tla khutla. Mophasalatsi wa tiriso o sala a na le ditshwanelo tse dingwe tsotlhe. Ntle le fa molao o o maleba o go fa ditshwanelo tse di oketsegileng le fa o na le tekanyetso e, o ka dirisa tiriso fela jaaka go letlelelwa ka tlhamalalo mo tumalanong e. Ka go dira jalo, o tshwanetse go tsamaisana le ditekanyetso tsa bothekeniki mo tirisong tse di go letlang fela go e dirisa ka ditsela tse di rileng. O ka se:
- a. Leke go feta mo dithibelong dipe tsa bothekeniki mo tirisong.
- b. Tlhanolole boenjenere, wa senya thulaganyo, kgotsa wa tlhatlhamolola tiriso, go ya fela bokgakaleng jo molao o o maleba o letlelelang ka tlhamalalo, le fa go na le tekanyetso e.
- c. Dire dikhopi tse dingwe tsa tiriso go na le se se totobaditsweng mo tumalanong e kgotsa se se letlelelwang ke molao o o maleba, le fa go na le tekanyetso e.
- d. Phasalatse kgotsa ka tsela e sele wa dira gore tiriso e nne teng gore ba bangwe ba e kope.
- e. Hirise, wa adima, kgotsa wa adimisana tiriso.
- f. Fetisetsa tiriso kgotsa tumalano e go setlamo se sengwe.
- 4. DITOKUMENTE. Fa ditokumente di tlametswe le kopo, o ka kopa le go dirisa ditokumente ka maikaelelo a tshupetso ya sebele.
- 5. THEKENOLOJI LE DITHIBELO TSA DIROMELWANTLE. Tiriso e ka tswa e ikaegile ka taolo ya thekenoloji ya United States kgotsa ya ditšhabatšhaba kgotsa melao le melawana ya diromelwantle. O tshwanetse go tsamaisana le melao yotlhe le melawana ya mo nageng le ya ditšhabatšhaba ya diromelwantle e e amang thekenoloji e e dirisiwang kgotsa e e tshegediwang ke tiriso. Melao e e akaretsa dithibelo tsa mafelo, badirisi, le kafa e dirisiwang ka teng. Go bona tshedimosetso ya dikuno tsa Microsoft tse di nang le letshwaokgwebo, ya go webosaete ya diromelwantle ya Microsoft (https://go.microsoft.com/fwlink/?linkid=868967).
- 6. DITIRELO TSA TSHEGETSO. Ikgolaganye le mophasalatsi wa tiriso go itse gore go na le ditirelo dife tsa tshegetso. Microsoft, modiri wa dirwethata tsa gago le motlamedi wa gago wa ditirelo tse di se nang megala (ntle le fa mongwe wa bone e le mophasalatsi wa tiriso) ga ba ikarabelele go tlamela tiriso ka ditirelo tsa tshegetso.
- 7. TUMALANO YOTLHE. Tumalano e, pholisi ya polokodiphiri e e maleba, melawana ya tlatseletso e e tsamayang le kope e, le melawana ya ditlatseletso le ditlhabololo ke tumalano ya laesense yotlhe fa gare ga gago le mophasalatsi wa tiriso.
- 8. MOLAO O O MALEBA.
- a. United States le Canada. Fa o rekile tiriso mo United States kgotsa Canada, melao ya puso kgotsa porofense e o nnang mo go yone (kgotsa, fa e le kgwebo, kwa lefelo la gago la konokono la kgwebo le leng teng) e laola tlhaloso ya tumalano e mme e dira mo ditleleiming tsa go tlolwa ga yone, le ditleleimi tse dingwe tsotlhe go akaretsa go sireletsa badirisi, kgaisano e e sa siamang le ditleleimi tsa molato), go sa kgathalesege go thulana ga ditheo tsa molao.
- b. Kafa ntle ga United States le Canada. Fa o rekile tiriso mo nageng e nngwe, melao ya naga eo e a dira.
- 9. DIPHELELO TSA SEMOLAO. Tumalano e e tlhalosa ditshwanelo tse di rileng tsa semolao. O ka tswa o na le ditshwanelo tse dingwe mo melaong ya puso kgotsa naga ya gago. Tumalano e ga e fetole ditshwanelo tsa gago mo melaong ya puso kgotsa naga ya gago fa melao ya puso kgotsa naga ya gago e sa e letle go dira jalo.
- 10. BOITLAMOLOLO JWA WARANTI. Go ikaegile ka molao o o maleba, tiriso e fiwa laesense "jaaka e ntse", "ka diphoso tsotlhe" le "jaaka e le teng." O ikarabelela ka kotsi ya go e dirisa. Mophasalatsi wa tiriso, mo boemong jwa gagwe, Microsoft (fa Microsoft e se mophasalatsi wa tiriso), motlamedi wa ditirelo tse di se nang megala yo tiriso e tlamelwang mo netewekeng ya gagwe, le mongwe le mongwe wa badirisani ba rona, barekisi, baemedi le batlamedi ("Ditlamo Tse di Akarediwang"), ga e fe diwaranti ka tlhamalalo, ditlhomamiso, kgotsa maemo mabapi le tiriso. Kotsi yotlhe ya boleng, pabalesego, boiketlo, le tiro ya tiriso e mo go wena. Fa tiriso e na le diphoso, o tla rwala boikarabelo jwa ditshenyegelo tsotlhe tsa go e tlhokomela kgotsa go e baakanya. O ka tswa o na le ditshwanelo tse dingwe tsa badirisi mo melaong ya lefelo la gago e tumalano e e ka se e fetoleng. Go ya bokgakaleng jo bo letlelelwang mo melaong ya lefelo la gago, Ditlamo Tse di Akarediwang ga di akaretse diwaranti tse di sa umakiweng ka tlhamalalo kgotsa maemo, go akaretsa tsa go siamela kgwebo, go siamela tiro e e rileng, pabalesego, boiketlo le go sa tlole melao.
- 11. TEKANYETSO MO DITHARABOLOLONG LE DITSHENYEGELO LE GO SA AKAREDIWE GA TSONE. Go ya bokgakaleng jo bo sa thibelweng ke molao, fa o na le mabaka a go busediwa ditshenyegelo, o ka busediwa fela ditshenyegelo ka tlhamalalo go fitlha go tšhelete e o e dueletseng tiriso kgotsa USD$1.00, go ya ka gore ke efe e kgolwane. Go ikaegile ka molao o o maleba, o ka se latlhegelwe ke tshwanelo epe ya, go batla go busediwa ditshenyegelo dipe tse dingwe, go akaretsa tse di bakilweng, tatlhegelo ya dipoelo, ditatlhegelo kgotsa ditshenyegelo tse di kgethegileng, tse e seng tsa ka tlhamalalalo kgotsa tse di diregang di sa lebelelwa go tsa go mophasalatsi wa tiriso. Fa melao ya lefelo la gago e pateletsa waranti, tlhomamiso kgotsa maemo le fa melawana e e sa dire jalo, go ikaegile ka molao o o maleba, nako ya yone e lekanyeditswe go malatsi a le 90 go simolola fa o laisolola tiriso.
Tekanyetso e e dira mo:
- Go sengwe le sengwe se se amanang le tiriso kgotsa ditirelo tse di dirilweng gore di nne teng ka tiriso; le
- Ditleleimi tsa go tlola molao wa konteraka, waranti, tlhomamiso, kgotsa maemo; boikarabelo jo bo gagametseng, botlhaswa, kgotsa molato o mongwe; go tlola molao kgotsa molawana; kgotsa go ikhumisa ka tsela e e sa siamang; tsotlhe go ya bokgakaleng jo bo letlelelwang ke molao o o maleba.
Gape e dira le fa:
- Tharabololo e ga e go busetse ka botlalo se se go latlhegetseng; kgotsa
- Mophasalatsi wa tiriso a ne a itse kgotsa a ne a tshwanetse go itse ka kgonagalo ya ditshenyegelo.
Ditirelo Tse di Akarediwang
Dikuno tse di latelang, ditiriso le ditirelo di a akarediwa mo Tumalanong ya Ditirelo tsa Microsoft, mme di ka tswa di seyo mo mmarakeng wa gago.
- Account.microsoft.com
- Akhaonto ya Microsoft
- Bing Image and News (iOS)
- Bing Search APIs/SDKs
- Bing Translator
- Bing Webmaster
- Bing.com
- Bingplaces.com
- Bosa jwa MSN
- Bukantswe ya Bing
- Clipchamp
- Cortana skills by Microsoft
- Cortana
- Default Homepage and New Tab Page on Microsoft Edge
- Dev Center App
- Dibaesekopo le TV tsa Microsoft
- Dictate
- Dijo le Dino tsa MSN
- Dikgang tsa MSN
- Dikgobokanyo tsa Microsoft
- Dikgobokanyo
- Dimmapa tsa Bing
- Ditiriso le ditirelo tse di akarediwang mo botokololong jwa badirisi jwa Microsoft 365
- Ditiriso le ditirelo tse di akarediwang mo Microsoft 365 Basic
- Ditiriso le ditirelo tse di akarediwang mo Microsoft 365 ya Lelapa
- Ditiriso le ditirelo tse di akarediwang mo Microsoft 365 ya Motho
- Ditiriso tsa Bing
- Ditsebe tsa Bing
- education.minecraft.net
- Face Swap
- Feedback Intake Tool for Azure Maps (aka “Azure Maps Feedback”)
- Forms.microsoft.com
- forzamotorsport.net
- Go Letsa ka MSN
- Groove Music Pass
- Groove
- GroupMe
- Image Creator from Microsoft Designer
- Lebentlele la Windows
- Lebentlele
- Lelapa la Microsoft
- LineBack
- Link to Windows
- Maitemogelo a boitlhophelo a kgolagano a Microsoft 365
- Mesepele ya MSN
- Metshameko ya Minecraft
- Metshameko ya MSN
- Metshameko ya Windows, ditiriso le diwebosaete tse di phasaladitsweng ke Microsoft
- Metshameko ya Xbox Game Studios, ditiriso le diwebosaete
- Microsoft 365 Business Standard, Microsoft 365 Business Basic, Microsoft 365 Apps, Microsoft 365 app, Microsoft 365 Copilot, Microsoft 365 Copilot app, and Microsoft 365 Copilot Chat*
- *Until a commercial domain is established for use of these services, at which time separate Microsoft commercial terms will govern instead.
- Microsoft 365 Consumer
- Microsoft 365 Family
- Microsoft 365 Personal
- Microsoft 365 ya webo
- Microsoft Academic
- Microsoft Add-Ins for Skype
- Microsoft Bots
- Microsoft Copilot
- Microsoft Defender ya batho
- Microsoft Educator Community
- Microsoft Launcher
- Microsoft Loop
- Microsoft Pay
- Microsoft Pix
- Microsoft Reading Coach
- Microsoft Research Interactive Science
- Microsoft Research Open Data
- Microsoft Rewards
- Microsoft Soundscape
- Microsoft Sway
- Microsoft Teams
- Microsoft Translator
- Minecraft Realms Plus and Minecraft Realms
- Mixer
- Mofuta wa mahala wa Microsoft 365
- Molaodi wa Skype
- Mothusi wa Tshegetso le Paakanyo wa Microsoft wa Office 365
- MSN (e pele e neng e bidiwa Microsoft Start)
- MSN Explorer
- MSN Premium
- MSN.com
- Office Store
- OneDrive.com
- OneDrive
- OneNote.com
- Outlook.com
- Paint 3D
- Peoditshwantsho ya Windows
- Phokotso ya Madi a Bing
- Pholo le Boitekanelo tsa MSN
- Pholo ya Microsoft
- Phone Link
- Phuruphutsho ya Microsoft mo Bing
- Presentation Translator
- rise4fun
- Seeing AI
- Send
- Skype in the Classroom
- Skype.com
- Skype
- Smart Search
- Snip Insights
- Spreadsheet Keyboard
- Sway.com
- Tharabololo ya Dipalo ya Microsoft
- Tiriso ya Bing ya pheneno
- Tiriso ya Dimmapa
- Tiriso ya Pholo ya Sediriswa
- Tiriso ya SMS Organizer
- to-do.microsoft.com
- Totlelo ya Sekerini e e Latelang
- Translator for Microsoft Edge
- Translator Live
- Tshegetso ya Microsoft (Badirisi)
- Tšhelete ya MSN
- Universal Human Relevance System (UHRS)
- UrWeather
- ux.microsoft.com
- Video Breakdown
- Visio Online
- Wallpaper ya Microsoft
- Web Translator
- whiteboard.office.com
- Windows Live Mail
- Windows Live Writer
- Windows Movie Maker
- Xbox Game Pass
- Xbox Live Gold
- Xbox Live
- Xbox Music
- Xbox Store